Tebello Nyokong, Rasaense wa kankere
Nomsa Angelina De Wee
Simon Lehlohonolo Mokoena


Tebello Nykong ke mmasaense yo o botlhokwa wa Aforika Borwa.
-
Kitso ya gagwe e thusa go fodisa le go boloka batho ba ba nang le malwetse a a bolayang.
1
Tebello o godisitswe ke nkokoagwe le rremogoloagwe kwa Lesotho. Ba mo godisitse sentle.
-
Letsatsi lengwe e ne e le modisa wa nku, le lengwe a ya sekolong. Se e ne e le tshimologo ya thuto ya gagwe.
2
Fa a ne a disitse dinku, o ne a ela tlhoko diphologolo tse dingwe le dimela.
-
Tebello o ne a kgatlhiwa ke dilo tse dintsi. E ne e le ngwana yo o kelotlhoko.
-
O ne a ithuta go le gontsi ka tlhago go tswa kwa dimeleng le diphologolo mo polaseng.
3
Tebello o ne a batla go ithutela Saense kwa sekolong. Ba ne ba sa mo rotloetse.
-
Ba re ke thuto e e boima.
-
Ba re Saense ke ya basimane e seng basetsana.
-
Kwa tshimologong o ne a ba reetsa. Ditsala tsa gagwe di ne di dira dirutwa tse dingwe.
4
Fela Tebello o ne a batla go ithutela Saense. O ne a itshepa.
-
Ba ne ba mo letlelela go ithuta. O ne a itumetse e bile a e tlhaloganya.
-
O simolotse go ithuta Saense dingwaga di le pedi fela pele ga a fetsa sekolo se segolo!
5
Tebello o ne a dira ka thata go fitlhelela bana ba ba setseng ba le mophatong wa Saense.
-
O ne a le botlhale, a ikemiseditse e bile a rata go ithuta.
-
O ithutile tiro yotlhe ya Saense ya Sekolo Segolo ka dingwaga tse pedi mme a falola!
6
Khemisteri ke karolo ya Saense. Ke karolo ya kitso ya Saense. Tebello o ne a e rata thata.
-
Diteko tsa Khemisteri di diriwa kwa laborathoring.
-
Tebello o ne a itse gore o batla go ithutela Khemisteri kwa yunubesithing!
7
Tebello o ne a ithutela serutwa sa Saense kwa Yunibesithi ya Lesotho.
-
O ne a le botlhale a dira ka thata. O ne a nna nako e ntsi kwa laborathoring.
-
O ne a falola ka bontle mme a iponela ditšhelete tsa go ya go ithuta kwa Canada.
8
Tebello o ne a rata go ithuta Saense, fela o ne a tshwanetse go tlogela balelapa la gagwe mo Aforika.
-
A ya kwa Canada ka gonne o ne a batla go ithuta dipatlisiso tsa Saense.
-
O ne a batla go nna moitseanape mo go tsa Saense.
9
Tebello a dira ditsala tse dintšhwa kwa Canada. Ba ne ba bua dipuo tse di farologaneng, Seesemane sa ba thusa go buega bonolo.
-
Kwa Canada, go ne go na sefoka boleya kwa ditoropokgolo jaaka kwa dithabeng tsa Lesotho.
-
Moragonyana fela Tebello a bona ditšhelete dingwe gape go tswelela go ithuta.
10
O ne a ya go ithuta kwa Amerika. O ne a ithuta dipatlisiso tsa saense go lwantsha malwetse a a kotsi.
-
Morago ga dingwaga tse dintsi tsa go ithuta, Tebello a boela gae. O ne a batla go dirisa kitso ya gagwe go thusa batho mo Aforka Borwa.
-
Tebello o ne a itshepa.
11
Gompieno, Tebello ke Moporofesara wa Saense. O na le Laborathori ya gagwe ya Saense mme o ruta kwa yunibesithing.
-
O dira dipatlisiso tse dintšhwa tsa go thusa batho ba malwetse a a kotsi.
-
Moporofesara Nyokong o thusa thata ka kitso ya go alafa le go boloka batho bolwetseng jwa kankere.
12
Tiro ya gagwe e thusa ka kitso ya go lwantsha malwetse.
-
Botshelo jwa gagwe bo bontsha gore go se ineele go mosola.
-
Re tlhoka Borasaense ba bantsi jaaka Mopofesara Tebello Nyokong!
13

Dipotso


  1. Neela dinaga di le tharo tse Tebello a ithutileng kwa go tsone. Di batle mo mmapeng
  2. Fa a gola, a Tebello o ne a elatlhoko tikologo ya gagwe? O itse jang?
  3. Goreng ba ne ba bolelela Tebello gore a se ithute Saense? A o a dumela?
14

Dibuka tse di mo motseletseleng o


  • Andile Mji
  • Asnath Mahapa
  • Bongani Mayosi
  • Charlotte Maxeke
  • Mmantsane Moche Diale
  • Mulalo Doyoyo
  • Tebello Nyokong
  • Tshilidzi Marwala
15


Kanelo e tlhamilwe le go kwalwa ka puo ya Sesotho jaaka karolo ya porojeke ya didirswa tsa go buisa ya Zenex Ulwazi Lwethu ya 2020.
16
Your attribution should include the following:
Title: Tebello Nyokong, Rasaense wa kankere
Author/s: Nomsa Angelina De Wee
Translator/s: Lorato Trok
Illustrator/s: Simon Lehlohonolo Mokoena
Assurer/s: Dineo Moatshe, Opelo Thole
Language: Setswana

© Zenex Foundation - Saide 2024

CC BY includes the following elements:
 BY   – Credit must be given to the creator