Phumelele yo o sebete
Zandile Malaza
Simon Mokoena
Phumelele e ne e le mosadi yo monnye go tswa mo lelapeng le le humanegileng.
-
O ne a nna le balelapa la gagwe mo motseng o o bidiwang Celani.
-
Go ne go le tsela e le nngwe fela ya go tsena le go tswa mo Celani.
1
Fa thoko ga tsela ya motse go ne go le setlhare.
-
Go ne go le noga e kgolo e e neng e nna mo setlhareng seo.
-
Batho ba ne ba tshwanela go feta fa setlhareng se, fa ba ya tleliniking, marekelong kgotsa sekolong.
2
Noga e ne e itigela mo tseleng go tswa mo dikaleng fa e utlwa dikgato.
-
Noga e ne e kgoreletsa mongwe le mongwe go feta.
-
Baagi ba lekile go tshwara noga, fela ba palelwa.
3
Go ne go se ope yo o kgonang go tshwara noga.
-
Kgosi e ne ya beela kabo ya yo o ka kgonang go tshwara noga.
-
E ne e le banna fela bao ba neng ba dumelelwa go tsaya karolo mo kgaisanong eno.
4
Banna ba dingwaga tsotlhe ba lekile go tshwara noga, mme ba palelwa.
-
Ba ne ba leka ka go dira ka ditlhopha mme fela ba palelwa ke go tshwara noga.
-
Go ne go le kotsi go tsena le go tswa ka motse.
5
Phumelele o ne a ya kwa go kgosi mme a re, “Ntumelele go tsaya karolo mo kgaisanong.”
-
Batho ba ne ba mo tshega ka gore e le mosadi.
-
“O tshwanetse a bo a tshameka,” ba bua jalo.
-
Kgosi e ne ya nagana ka kopo ya ga Phumelele.
6
Kwa bofelong, kgosi e ne ya ipolelela ya re, “Banna ba motse ba paletswe ke go tshwara noga. Nka se latlhegelwe ke sepe.”
-
O ne a naya Phumelele tšhono mme o ne a sa dumele gore o tla tswelela fa banna ba paletsweng teng.
7
Phumelele o ne a na le leano le le botlhale.
-
O ne a loga tlatlana e kgolo. O ne a e tsenya megala gore tlatlana e tswalege.
-
O ne a rwala tlatlana mo tlhogong mme a leba kwa setlhareng.
8
Ka tlwaelo, noga ya utlwa dikgato. Ya ipaakanyetsa go wa le go parega tsela.
-
Phumelele le ene o ne a emetse motsotso o mogolo!
-
“Gompieno ke lone letsatsi,” a nagana jalo fa a atamela setlhare.
9
Fa noga e wa mo setlhareng, e ne ya wela mo tlatlaneng e e logilweng.
-
Phumelele ka bonako o ne a goga megala go tswala tlatlana. Noga e ne e gaeletswe ka mo teng.
10
Phumelele o ne a rwalela noga ka tlatlana kwa motseng.
-
Mongwe le mongwe o ne a mo duduetsa fa a tsena ka dikgoro tsa lesaka la kgosi.
-
“Phumelele o botlhale e bile o pelokgale. Kgosi e tshwanetse go diragatsa tshepiso ya gagwe,” batho ba rialo.
11
Kgosi e ne ya abela Phumelele karolo e kgolo ya naga le lesaka le tletse dikgomo.
-
O ne a nna moeteledipele wa naga eo. Batho ba ya kwa go ene go bona kgakololo.
-
Noga e ne ya isiwa kwa serapeng sa dinoga, mme baagi ba simolola go tsamaya ka phuthologo.
12
Your attribution should include the following:
Title: Phumelele yo o sebete
Author/s: Zandile Malaza
Translator/s: Dineo Moatshe
Illustrator/s: Simon Mokoena
Assurer/s: Opelo Thole
Language: Setswana

© Zenex Foundation - Saide 2024

CC BY includes the following elements:
 BY   – Credit must be given to the creator