Malatsi a boikhutso a ga Alina
Sponono Mahlangu
Khanyisa Masemola
Mo toropong ya rona, go ne go le mosadi wa mohumi a bidiwa Alina.
-
Alina o ne a nna mo ntlong e kgolo mo komponeng e ntle.
-
O ne a fitlheletse go le gontsi, fela a sa itumela.
1
Letsatsi lengwe, Alina o ne a tsamaya mo komponeng.
-
O ne a nyenya a ntse a nagana, “Nka rata go kopana le batho ba bantšhwa. Ka gongwe nka kopana le ditsala tse dintšhwa fa ke ya boikhutsong. Motlhomongwe nka kopana le mongwe yo o kgethegileng.”
2
Alina o ne a rulaganya boikhutso kwa lebopong le lentle thata mo nageng.
-
O ne a itumetse thata fa letsatsi la go tsamaya le fitlha gore a tsamaye.
-
O ne a lokologa ka bonako kwa hoteleng ya gagwe le go itumelela leeto kwa lefelong le lentle le.
3
Alina a ikala mo lebopong a iketla. Ka iketlo a bogela batho gaufi le ene.
-
Ka bonako a bona monna le bana ba babedi. Balelapa ba ne ba bontsha ba sa natefelwe.
-
Botlhe ba ne ba bontsha ba sa itumela. Bana ba ne ba tshameka ka tidimalo.
4
Alina a nagana, “Ke a makala gore ke goreng ba hutsafetse mo lefelong le lentle jaana.”
-
Mo tsamaong ya letsatsi, o ne a thuma mo letamong la hotele fa bana ba monna ba tla go thuma.
-
Alina o ne a batla go ba itse mme a simolola go ba tlotlisa.
5
Bana e ne e le Karembo le Kazungu.
-
Ba ne ba bolelela Alina gore ke leeto la bona la ntlha fa e sale mmaabona a tlhokofala.
-
Fa Alina a kopana le rraabona, o ne a bona kutlobotlhoko le tatlhegelo mo matlhong a gagwe.
-
Leina la gagwe e ne e le Clemens.
6
Clemens, Alina le bana ba simolola go nna mmogo.
-
Karembo le Kazungu ba ne ba rata go tshameka le Alina mo lebopong.
-
Alina o ne a ba ruta go loga ditlatlana ka matlhare a dipalema le go aga dintlo tsa motlhaba.
7
Nako e ne e tsamaya ka bonako mo letsatsing.
-
Alina o ne a sa batle go boela morago kwa komponeng ya gagwe e e bodutu.
-
“Boikhutso jwa me bo tla bokhutlong. Gongwe fa nka atolosa malatsi a me fa, nka se ikutlwe ke hutsafetse, “a nagana.
8
Maitseboeng ao, Alina a utlwa go kokotiwa mo mojakong wa gagwe. Fa a bula mojako, Karembo le Kazungu ba ne ba eme fao.
-
Ba ne ba buela gongwe, “Re batla gore o nne mmaarona!”
-
Alina o ne a sa itse gore a ba arabe jang.
9
Morago ga go bua, Alina, Karembo le Kazungu ba tsamaya mmogo go ya kwa diphaposing tsa bona.
-
Clemens e rile go bona bana ba gagwe ba itumeletse Alina, a nyenya. A tlamparela bana, a ba laela.
-
Alina a inagana, “Ke kopane le batho ba bararo ba ba kgethegileng.”
10
Mo mosong, Alina a kopana le Clemens le bana ba gagwe kwa difitlholong.
-
Karembo le Kazungu ba lebelela Alina ka tsholofelo fa ba nna fa fatshe.
-
“A go na le se se diragalang?” Clemens a botsa, a nyenyanyenya a lebeletse maitlhagiso a bana ba gagwe.
11
Morago ga ngwaga, Alina le Clemens ba ne ba nyalana!
-
Ngwaga le ngwaga, balelapa ba ne ba etela lebopo le lentle go keteka kopano ya bona ya ntlha.
-
Ba tshameka mo metsing le go aga dintlo tsa motlhaba, fela jaaka ba ne ba dira fa ba kopana la ntlha.
12
Your attribution should include the following:
Title: Malatsi a boikhutso a ga Alina
Author/s: Sponono Mahlangu
Translator/s: Dineo Moatshe
Illustrator/s: Khanyisa Masemola
Assurer/s: Opelo Thole
Language: Setswana

© Zenex Foundation - Saide 2024

CC BY includes the following elements:
 BY   – Credit must be given to the creator