Please view the book
in landscape mode.
Nomusa yo o botlhale
Zandile Malaza
Simon Mokoena
Mo motseng wa Masoyi, go ne go le mosetsana yo o botlhale a bidiwa Nomusa.
-
O ne a nna le nkokoagwe, yo e neng e le molemi wa mmidi.
-
Batho ba bantsi mo motseng ba ne ba sa kgone go buisa le go kwala. Ba ne ba itshedisa ka temo.
1
Nomusa o ne a rata go tsena sekolo, nkokoagwe o ne a le motlotlo ka ene.
-
Tsatsi le letsatsi fa a tswa sekolong, nkokoagwe o ne a mo naya ditiro tsa gae go di dira.
-
O ne a tshwanetse go koba dikgabo le dinonyane tseo di neng di ja dimela.
2
Go ne go le thata gore Nomusa a kobe dikgabo le dinonyane thapama yotlhe.
-
Dinako dingwe o ne a sa kgone go fetsa tiro ya sekolo.
-
Bana ba bantsi mo motseng ba ne ba fetwa ke malatsi a sekolo ka lebaka la gore ba ne ba ya masimong letsatsi lotlhe.
3
Fa nako e ntse e tsamaya, Nomusa o ne a lapisiwa ke go koba dikgabo le dinonyane mo tshimong.
-
‘Ke na le kakanyo e e botlhale,” a nagana.
4