Gcina Mhlophe, motsayadikgang yo o kgethegileng
Eric Khorombi
Vusi Malindi


Bukakanelo e, e ka ga Nokugcina Mhlophe.
-
O tsetswe ka 1958, kwa KwaZulu-Natal. O godisitswe ke kokoagwe.
-
Kokoagwe o ne a tlwaetse go mo anela mainane ka isiZulu. O anetse Gcina mainane a mantsi a sa ntse a le monnye.
1
Kokoagwe Gcina o mo anetse mainane moo o neng a kgona go bona ditshwantsho tsa teng mo monaganong wa gagwe.
-
Gcina o ne a reetsa ka tlhoafalo fa kokoagwe a mo anela leinane.
-
Fa Gcina a le dingwaga di le lesome, mmaagwe o ne a mo tsaya go ya go nna kwa Kapa Botlhaba.
2
Gcina o godile a se na dintshabodutu tse dintsi, le thelebišene e se teng. O godile a rata go buisa dibuka.
-
O simolotse go kwala mainane le poko ka seXhosa.
-
O ne a kwala a ntse a dira tiro ya gagwe ya sekolo le go thusa kwa kerekeng.
3
Ka letsatsi lengwe moruti o ne a mo laletsa go ba etela kwa legaeng la gagwe le mosadi.
-
Letsatsi le le latelang morago ga sefitlholo, moruti a kopa Gcina go tsamaya le ene kwa kopanong e e motsaneng o o gaufi.
-
Kopano e ne e le kwa kgosing.
4
Kopano e ne e le ka go dumelelwa ga dikgomo go tsena mo masimong a mmidi.
-
Fa a le fao a bona monna a apere diaparo tse di galalelang tsa setso.
-
Monna e ne e le Imbongi. Imbongi ke mmoki wa setso le moopedi yo o diragatsang kwa meletlong ya Aforika.
5
Gcina o ne a kgatlhegile ka moo Imbongi a dirisang bokgoni le puo ya gagwe ka teng. O ne a itsisiwe Imbongi le kgosi.
-
Fa Imbongi a tshwara seatla sa gagwe, o ne a ikutlwa jaaka mmoki.
-
Gcina a fetsa mogopolo wa gagwe go nna mmoki.
6
Ka 1979, Gcina a fudugela kwa Johannesburg, kwa o neng a dira jaaka modiri wa legae. O ne a tlhokomela bana ba ba se nang tsebe.
-
Ka letsatsi lengwe, a akanya go ba didimatsa ka go ba anela leinane.
-
Leinane le ne le le ka ga Nanabuhlele, selalome se segolo sa mebalabala, seo se neng se nna metsing.
7
O ne a sa itse gore bana ba tla rata mainane a SeAforika, ka bonako bana ba goeletsa ka boitumelo, “Re anele le lengwe!”
-
Gcina a latela tiro ya gagwe ya go kwala mainane.
-
O ne a rata go rotloetsa bana go kgatlhegela mainane a bokokoabone.
8
Gcina a simolola go kwala dibuka tsa bana, diterama tse di diragadiwang mo seraleng, le mainane a mantsi le maboko.
-
Lengwe la mainane a gagwe a ntlha e ne e le, ‘My Dear Madam‘.
-
Leinane le, le ne le le ka ga botshelo ba gagwe jaaka modiri wa legae.
-
Leinane le lengwe la botlhokwa e ne e le ‘Love Child’, ka ga botshelo jwa gagwe.
9
Gcina o ne a leka go sireletsa botaki ba go anela mainane. Ka maikemisetso a mo monaganong, a simolola Zanendaba Institute.
-
Zanendaba ke lefoko la isiZulu le le le rayang ‘tlaya ka dikgang’ kgotsa ‘ntseele kgang.’
-
Zanendaba Institute e rupela batho bao ba kgatlhegelang boanedi le go kwala.
10
Gcina a simolola Nozincwadi Mother of Books Campaign ka 2001.
-
Gcina o rotloetsa go buisa ka go anela mainane le go kwala dibuka tsa bana.
-
O ne a simolola go etela metsemagae ya Aforika Borwa go anamisa botlhokwa ba go buisa.
-
O ne a naya laeborari ya dikolo tse a di etetseng dibuka.
11
Gcina o ne a tshameka maemo a modiragatsimogolo wa terama e e gapileng dikabo, e e bidiwang ‘Have you seen Zandile?’
-
Terama e ka ga mosetsanyana yo o nnang le kokoagwe kwa Durban, mme mmaagwe Zandile a mo isa kwa magaeng a Kapa Botlhaba.
-
Gcina o kwadile terama e, a ikaegile ka maitemogelo a gagwe.
12
Se, ke se Nokugcina Mahlophe a se boletseng ka tiro ya gagwe.
-
“Ke anela mainane go tsosa mainane mo bathong ba bangwe, ka gonne ke dumela thata gore setshedi sengwe le sengwe se na le kgang eo se ka e tlotlang.
-
A o na le kgang e o ka re e tlotlelang?
13

Dipotso


  1. Gcina Mhlophe ke mang?
  2. Ke eng se se dirileng gore Gcina a simolole go nna mmoki?
  3. Gcina o tlhotlheleditswe ke eng go kwala dikanelo?
  4. Batla leinane le le kwadilweng ke Gcina, mme o le buisetse godimo.
  5. Kwala ka sengwe le sengwe se se diragetseng mo botshelong ba gago.
14


Bukakanelo e, e tlhamilwe le go kwalwa ka Tshivenḓa, jaaka karolo ya porojeke ya 2021 ya didiriswa tsa go buisa tsa Zenex Ulwazi Lethu.
15
16
Your attribution should include the following:
Title: Gcina Mhlophe, motsayadikgang yo o kgethegileng
Author/s: Eric Khorombi
Translator/s: Dineo Moatshe
Illustrator/s: Vusi Malindi
Assurer/s: Opelo Thole
Language: Setswana

© Zenex Foundation - Saide 2024

CC BY includes the following elements:
 BY   – Credit must be given to the creator