Letsatsi la Ngwaoboswa
Ndivhuho Mutsila
Thulisile Shongwe


Mo Aforika Borwa, Letsatsi la Ngwaoboswa ke letsatsi la boikhutso ka 24 Lwetse.
-
Buka e ka ga Letsatsi la Ngwaoboswa. O tlile go itse ka ga letsatsi le, le gore goreng le le botlhokwa mo Aforika Borwa.
1
Batho botlhe ba na le ditlholego. Setso sa rona ke karolo ya ngwaoboswa ya rona.
-
MaAforika Borwa a keteka ditso tse di farologaneng ka go kopana mo letsatsing le, e le malapa, merafe, mme e le setšhaba.
-
Aforika Borwa e na le dingwao tse di farologaneng mme gape re abelana dingwao.
2
MaAforika Borwa otlhe a na le ngwaoboswa e re leng motlotlo ka yone!
-
Ngwaoboswa ya Aforika Borwa e mebalabala e bile e mentle.
-
Dingwao tsa rona di na le dijo tse di farologaneng le dino, meaparo ya setso, dipina le mmino.
3
Dingwao tsa rona tse di farologaneng di na le ditumelo, meetlo, le magoro.
-
Mo Aforika Borwa batho ba bua dipuo tse dintsi tse di farologaneng. Naga e na le dipuo tsa semmuso di le 11.
4
Dipuo tsa Semmuso tsa Letsatsi la Ngwaoboswa tsa Aforika Borwa:
-
Ilanga lamaGugu (isiNdebele)
-
Usuku lwezaMafa (isiXhosa)
-
Usuku lwamagugu (isiZulu)
-
Letšatši la Bohwa (Sepedi)
-
Letsatsi la Botjhaba (Sesotho)
-
Letsatsi la Ngwaoboswa (Setswana)
-
Lilanga Lemagugu (Siswati)
-
Ḓuvha ḽa Vhufa (Tshivenḓa)
-
Siku ra Ndzhaka (Xitsonga)
-
Erfenisdag (Afrikaans)
-
Heritage Day (English)
5
Ka nako ya tlhaolele, 24 Lwetse e ne e itsege jaaka Letsatsi la Shaka.
-
Morago ga tlhaolele, palamente e ne ya fetola Letsatsi la Shaka go nna Letsatsi la Ngwaoboswa. Ba ne ba le dira letsatsi le le ketekiwang ke MaAforika Borwa otlhe.
-
Re keteka dipharologano le kabelano ya ngwaoboswa ya rona.
6
Molaotheo wa Aforika Borwa o na le melao ya botlhokwa e e re kaelang tsela. E akaretsa melao e e tshegetsang emangnokeng le go sireletsa ditshwanelo tsa rona.
-
Molaotheo wa re rotlhe re a lekana.
-
Ga go ope yo o kwa godimo ga yo mongwe!
7
Molaotheo wa re ope a se kgethololwe.
-
Re tshwanetse go tlotlana.
-
Rotlhe re na le ditshwanelo tse di tshwanang. Tsa puo, tumelo le ngwao.
8
Ka Letsatsi la Ngwaoboswa, MaAforika Borwa ba itumelela go opela dipina le go bina mmino tsa setso.
-
Re rata gape go apaya dijo tsa rona tsa setso.
-
Bangwe ba tlotla badimo ba bona ka direto. Bangwe ba etela mabitla.
9
Batho ba apara meaparo ya mebalabala e mentle. Ba apara minwenda, seshweshwe, shibelwane le tse dingwe.
-
Fa MaAforika Borwa a keteka Letsatsi la Ngwaoboswa, gape re keteka matshwao a rona a bosetšhaba.
-
Matshwao a bosetšhaba ke diphologolo le dijalo a eleng karolo ya ngwaoboswa ya rona.
10
Matshwao a bosetšhaba a Aforika Borwa ke a:
-
Tshepe ke phologolo ya bosetšhaba.
-
Ntsu ya mmala wa legodimo ke nonyane ya bosetšhaba.
-
Setlhare sa bosetšhaba ke Real Yellowwood.
-
Tšheše ya bosetšhaba ke Protea.
-
Tlhapi ya bosetšhaba ke Galjoen.
11
Dikolo di keteka Letsatsi la Ngwaoboswa pele le goroga.
-
Bana ba apara diaparo tsa bona tsa setso mme ba bolelele ba bangwe ka se ba se itseng ka ngwaoboswa ya bona.
-
Ba ja dijo tsa ba bangwe, mme ba bine mmino wa setso.
12
Keteko meletlo ya ngwaoboswa ya Aforika Borwa e tshwanetse go nna Aforika yotlhe!
-
Bana ba ba ipelang ba Aforika ba re:
-
Ke nna Namunya. Ke apere shuka.
-
Ke nna Adilah. Ke apere kaftan.
-
Ke nna Isoka. Ke apere gele.
-
Ke nna Sipho. Ke apere bheshu.
13

Dipotso


  1. Letsatsi la Ngwaoboswa le ketekiwa leng le goreng?
  2. Neela matshwao a bosetšhaba a le mane a Aforika Borwa.
  3. Kwala ‘Ngwaoboswa’ ka dipuo di le pedi tse o sa di bueng.
14

Dibuka tse di mo motseletseleng o


  • Letsatsi la Poelano
  • Letsatsi la Kgololosego
  • Letsatsi la Ngwaoboswa
  • Letsatsi la Ditshwanelo tsa Botho
  • Letsatsi la Basadi
  • Letsatsi la Badiri
  • Letsatsi la Bašwa
15


Kanelo e tlhamilwe le go kwalwa ka puo ya Tshivenḓa, jaaka karolo ya porojeke ya didirswa tsa go buisa ya Zenex Ulwazi Lwethu ya 2020.
16
Your attribution should include the following:
Title: Letsatsi la Ngwaoboswa
Author/s: Ndivhuho Mutsila
Translator/s: Lorato Trok
Illustrator/s: Thulisile Shongwe
Assurer/s: Dineo Moatshe, Opelo Thole
Language: Setswana

© Zenex Foundation - Saide 2024

CC BY includes the following elements:
 BY   – Credit must be given to the creator