Naka le Nala ba bua ka mowa
Ndivhuho Mutsila
Simon Mokoena
Naka le Nala ba mo nageng e e omeletseng, ba dutse fa tlase ga setlhare.
-
Nala o utlwa matlhare a reketlanyana ka bobebe ka phefonyana e bonolo.
1
“Reetsa Naka. A o utlwa matlhare?” ga botsa Nala.
-
“Ee, ke utlwa matlhare e bile ke a bona a tshikinyega,” Naka a araba.
2
“A o gakologelwa gore ke eng se se tshikinyang matlhare?” ga botsa Naka
-
“Ke fa phefo e foka dilo,” ga araba Nala.
-
“Ke nagana gore ke mowa,” ga rialo Naka.
3
“Mowa o re dikologile, mme re ka se o bone…” Nala a simolola.
-
Naka o tsena ganong, “Mme re ka bona le go utlwa matlhare a tshikinyega!”
4
Nala a tswelela, “Re ka se bone mowa, mme re ka bona le go utlwa dilo tse di tshikinngwang ke mowa o o fokang. Seo se bidiwa phefo.”
-
“Phefo ke mowa?!” ga botsa Naka.
5
“Ee,” Nala a nyenya.
-
O a oketsa, “Gape mowa o tshwara marothodinyana a metsi mo marung. Fa metsi mo marung a nna bokete thata, marothodi a metsi a wa jaaka pula.”
6
“Akanya re tlhatlogela kwa loaping re le mo balunung e kgolo e e kokobalang mo loaping. Balunu e tshwana le lerothodi la metsi, mowa o e tshwara e le kwa godimo,” ga rialo Nala.
7
“Gape re hema mowa,” Naka a gakologelwa.
-
“Ee, diphologolo le dimela tsotlhe di tlhoka mowa go tshela,” Nala a rialo.
-
“Rotlhe re tlhoka mowa o o phepa,” ga dumela Naka.
8
“Re ka se bone mowa, mme o dirilwe ka eng?” ga botsa Naka.
-
“Mowa ke motswako wa digase le dikarolwananyana tsa lerole,” Nala a araba.
9
“Lefatshe le potokilwe ke mowa,” ga rialo Nala.
-
“Mowa o re dikologile. Mowa wa lefatshe o aname go tloga fano go tsena mo lefaufaung,” o bula matsogo a gagwe.
10

Dipotso


  1. Kgang e ka ga mang?
  2. Ba kwa kae?
  3. Ke mang yo o tlhokang mowa go tshela?
  4. Mowa o dirilwe ka eng?
  5. Mowa o kwa kae?
  6. Ke goreng marothodi a pula a na?
  7. Phefo ke eng?
  8. Batla kgang ka phefo.
  9. ‘Mowa o o phepa’ ke eng?
11
Your attribution should include the following:
Title: Naka le Nala ba bua ka mowa
Author/s: Ndivhuho Mutsila
Translator/s: Opelo Thole, Tebogo Matima
Illustrator/s: Simon Mokoena
Assurer/s: Dineo Moatshe
Language: Setswana

© Zenex Foundation - Saide 2024

CC BY includes the following elements:
 BY   – Credit must be given to the creator