Letsatsi la Badiri
Eric Khorombi
Fezile Twala


Mo Aforika Borwa, Letsatsi la Badiri ke la boikhutso ka 1 Motsheganong.
-
Kananeelo ya buka e, ke ka ga hisitori ya letsatsi leo la boikhutso, le gore goreng le le botlhokwa.
1
“Kamoso ke letsatsi la boikhutso, ga ke tlhoke go ya sekolong!” Mulweli a rialo go rraagwe.
-
“Le nna ga ke dire kamoso!” ga rialo Rre.
-
“Rre, o dira eng ka Letsatsi la Badiri?”
2
“Go siame Mulweli, tlaa ke go bolelele ka Letsatsi la Boditšhabatšhaba la Badiri,” Rre a rialo.
-
“Go simolotse fa badiri ba ne ba lwela go dira diura tse robedi tsa letsatsi. Ba ne ba sa batle go dira go feta diura tse robedi ka letsatsi.”
3
“Ba ne ba dira diura tse kae?” Mulweli a botsa.
-
“Go le gantsi diura di le lesome kgotsa somenngwe ka letsatsi!” Rre a araba.
-
“Ka 1 Motsheganong 1886, badiri kwa Amerika ba ne ba dira ditshupetso tsa go fokotsa diura tsa bona tsa go dira go diura tse robedi.
4
“Kwa ditshupetsong, mongwe o ne a latlhela bomo kwa mapodiseng.”
-
“Jaanong ga diragala eng?” Mulweli a botsa.
-
“Badiri ba le bane ba ne ba tshwarwa mme ba latofatswa ka go latlhela bomo. Ba ne ba bonwa molato mme ba bolawa,” Rre a araba ka iketlo.
5
“Go ralala lefatshe, badiri ba dira ditshupetso kgatlhanong le loso la badiri bao. Badiri ba ne ba ema mmogo ka tshwaragano.
-
Go tloga ka letsatsi leo, la ntlha la Motsheganong la emela kgaratlho ya badiri ya maemo a a botoka a go dira,” Rre a rialo.
6
“Bangwe ba le bitsa ‘Letsatsi la ntlha la Motsheganong’. Letsatsi la ntlha la Motsheganong le emela ditshwanelo tsa badiri, le tshwaragano ya badiri botlhe. Ke letsatsi la boikhutso mo dinageng di le dintsi,” Rre a tlhalosa.
7
“Ka Letsatsi la Badiri mo Aforika Borwa, re nna karolo ya dimilione tsa badiri go ralala lefatshe go keteka. Dirali le megwanto di a rulaganngwa.”
-
“A e ne e ntse e le letsatsi la boikhutso mo Aforika Borwa go tloga ka 1886?” Mulweli a botsa.
8
“Le e seng!” Rre a tshega. “Puso ya tlhaolele e ne e sa rate fa re keteka letsatsi la ntlha la Motsheganong.”
-
Fela mekgatlho ya bodirelo ya bolelela puso: ‘Letsatsi la Badiri ke la rona. 1 Motsheganong ke ya rona!’”
9
“Ditshupetso tsa badiri di ne tsa thusa go fedisa tlhaolele. Re tsere karolo e kgolo le mekgatlho ya rona go lwela ditshwanelo tsa temokerasi,” Rre a rialo.
-
Rre a botsa, “A o ka fopholetsa gore 1 Motsheganong e simolotse leng go nna letsatsi la boikhutso semmuso mo?”
10
“E tshwanetse e bo e le morago ga tlhaolele? Fa Aforika Borwa e le naga ya temokerasi,” Mulweli a araba.
-
Rraagwe a koba, “Ke nnete. Le fa re na le temokerasi, badiri ba bantsi ba ntse ba tshwanela go lwela maemo a a lolameng a tiro le tuelo e e lolameng.”
11
“Ke bokhutlo jwa thuto ya me ya hisetori ga jaana. Ke tlhoka go baakanyetsa kamoso. Mokgatlho wa me o rulagantse rali e kgolo le babui ba dipolitiki,” Rre a rialo.
-
“E bile o tshwanetse go dira tirogae ya gago pele ga kamoso.”
12
“Go siame Rre. Jaanong ke tlhaloganya gore goreng letsatsi la ntlha la Motsheganong le le botlhokwa mo go wena le mo badiring!” Mulweli a rialo a nyenya.
13

Dipotso


  1. Goreng Letsatsi la Badiri le ketekiwa gompieno?
  2. Badiri ba keteka jang Letsatsi la Badiri? Rotloetsa baithuti go botsa badiri mo metseng ya bona ka ga ditiro tsa bona.
14

Dibuka tse di mo motseletseleng o


  • Letsatsi la Poelano
  • Letsatsi la Kgololosego
  • Letsatsi la Ngwaoboswa
  • Letsatsi la Ditshwanelo tsa Botho
  • Letsatsi la Basadi
  • Letsatsi la Badiri
  • Letsatsi la Bašwa
15


Kanelo e tlhamilwe le go kwalwa ka puo ya Tshivenda, jaaka karolo ya porojeke ya didirswa tsa go buisa ya Zenex Ulwazi Lwethu ya 2020.
16
Your attribution should include the following:
Title: Letsatsi la Badiri
Author/s: Eric Khorombi
Translator/s: Lorato Trok
Illustrator/s: Fezile Twala
Assurer/s: Dineo Moatshe, Opelo Thole
Language: Setswana

© Zenex Foundation - Saide 2024

CC BY includes the following elements:
 BY   – Credit must be given to the creator