Mama Sophie, segatlhamelamasisi
Thandiwe Dlodlo
Simon Mokoena
Ka letsatsi lengwe la selemo, Khosi o ne a ya kwa le kwa a ipotsa gore a dire eng.
-
Mmaagwe o ne a ile masimong mme Khosi a setse a le mongwe.
-
“Ke tla dira eng?” Khosi a bua a le esi.
1
Aha! Khosi a tlelwa ke kakanyo ka bonako jwa legadima.
-
“Ke ya go thuma kwa nokeng, mme fela ke tla tsamaya le mang? Mme ga a batle ke tsamaya ke le mongwe,” Khosi a akanya.
-
Ka nako eo Mama Sophie a feta a kgabaganya foo a ya nokeng. O ne a tshwere mmanki o tletse diaparo.
2
“Aha! Ke ya go sala Mama Sophie morago go ya kwa nokeng,” Khosi a rialo.
-
A taboga fa morago ga Mama Sophie. “A nka tsamaya le wena kwa nokeng tsweetswee?” Khosi a botsa. Mama Sophie a nyenya mme a dumela ka tlhogo.
-
Mo tseleng, Nozipho le ene a tsamaya le bona. Nozipho o ne a sa rate go thuma fela o ne a rata go lebelela ba bangwe fa ba thuma.
3
Kwa nokeng, Khosi a ipolelela a re, “Gompieno ke utlwile ka go thuma mo metsing a mannye e kete ke lesea, ke tlile go ba bontsha gore ke kgona go thuma mo metsing a a boteng le nna.”
-
A itatlhela mo metsing. Pha! Kwa godimo, kwa tlase, mo gare.
-
Nozipho o ne a lebeletse a emetse kgakala fa ditsala tsa gagwe di thuma le bana ba bangwe.
4
Fa Nozipho a lebeletse, go ne go lebega fa bana botlhe ba ne ba itumetse mo nokeng.
-
Ba ne ba tsositse modumo.
-
Ba goelelana go le monate mo metsing.
5
Fa Nozipho a lebelela sentle, sengwe se ne se lebega se sa siama.
-
Khosi o ne a thumela kgakala le bana ba bangwe.
-
Nozipho a tsamaela gaufi mme a lebelela gape. A tshositswe ke se a se bonang, o ne a tabogela kwa basading ba ba neng ba tlhatswa kwa nokeng.
-
“Thusang! Khosi o a nwela,” Nozipho a goa.
6
Ka ponyo ya leitlho, Mama Sophie a itatlhela mo metsing. A thuma.
-
A tsenelela kwa tlase ga metsi, a boa a tlhagelela kwa godimo, a boela gape kwa tlase, a batlana le Khosi.
-
A phamola Khosi ka letsogo mme a thumela kwa metsing a a seng boteng.
-
Jaanong Mama Sophie a ntshetsa Khosi kwa ntle ga metsi.
7
Mama Sophie a feta ka potlako fa thoko ga bana le basadi ba ba neng ba eme fa thoko ba lela e bile ba goelela.
-
Nozipho o ne a taboga fa morago ga gagwe fa a potlaketse kwa tleliniking ya motse, a belege Khosi.
8
Kwa tleliniking Mama Sophie o ne a kgatlhantshiwa ke mooki Noxolo yo o neng a tabogela go thusa Khosi.
-
Mooki a tseela Khosi ka potlako mo phaposing mme baoki ba bangwe ba potlakela go thusa mooki Noxolo.
-
“O siame! Re lesego ka gonne ga a nna kwa tlase ga metsi nako e telele!” mooki a rialo.
9
Mama Sophie a kgwa mowa.
-
Botlhe kwa tliliniking ba mo akgolela bopelokgale le go nna sebete ga gagwe.
-
“Ke itumeletse gore ke kgonne go boloka botshelo,” Mama Sophie a rialo ka boikobo.
10
Dikgang di ne tsa fitlha kwa kgosing mme a romela molaetsa gore go bidiwe Mama Sophie.
-
Kgosi ya reetsa ka tlhoafalo fa Mama Sophie a tlhalosa gore o nnile jang mothumi yo o gaisang.
-
“Ka bosetsanyana jwa me, tsala ya me e ne e nna gaufi le noka. Re ne ra tshwanela go ithuta go thuma. Noka e ne e le kwa re tshamekang, re nwang, re tlhapang le go tshwara ditlhapi!” a rialo.
11
Kgosi e ne ya bitsa pitso mo motseng mme a itsise ka tshwetso ya go abela Mama Sophie ka ntlha ya bopelokgale jwa gagwe.
-
Basadi ba duduetsa, banna ba letsa melodi, bana ba goa ka boitumelo.
-
Go tloga ka letsatsi leo, bana ba rata go sala Mama Sophie morago gongwe le gongwe kwa a yang.
-
Ba ne ba utlwiwa ba opela, “Ga go se se ka nkgomang, o teng mama o o sebete!”
12
Your attribution should include the following:
Title: Mama Sophie, segatlhamelamasisi
Author/s: Thandiwe Dlodlo
Translator/s: Lorato Trok
Illustrator/s: Simon Mokoena
Assurer/s: Dineo Moatshe, Opelo Thole
Language: Setswana

© Zenex Foundation - Saide 2024

CC BY includes the following elements:
 BY   – Credit must be given to the creator