Letsatsi la Basadi
Thelma Mhlari
Khanyisa Masemola


Mo Aforika Borwa, la 9 Phatwe ke letsatsi la bosetšhaba la boikhutso. Ke Letsatsi la Basadi la Bosetšhaba.
-
Bukakanelo e, e ka ga hisetori ya letsatsi leo, le gore ke goreng le sa ntse le le botlhokwa gompieno.
1
Lerato le Khanyisa ba ya kwa laeboraring ya selegae morago ga sekolo. Ba ya go dira tirogae ya bona.
-
“O dira eng gompieno?” ga botsa Khanyisa.
-
Lerato a araba, “Ke ya go batlisisa ka ga Letsatsi la Basadi. Le fa e kete ke hisetori e e lapisang.”
2
“A o tiisitse? Ga e lapise!”ga bua Khanyisa.
-
A tswelela, “Morutabana wa rona o re neile tiro eo mo kgweditharong e e fetileng. Le nna ke naganne gore e tlile go lapisa. Le gale e re ke go bolelele sengwe se ke se ithutileng ka Letsatsi la Basadi!”
-
“Ke utlweletse!” Lerato a araba.
3
“E ne e le mo dingwageng tse di fetileng tsa bo1950 fa Aforika Borwa, ka nako ya tshimologo ya pusotlhaolele,” Khanyisa a simolola.
-
“Puso ya tlhaolele e ne e batla go dira molao wa gore bantsho botlhe ba tshole ‘pasa’, Lekwaloitshupo.
-
Mmuso wa bokoloniale o ne o setse o simolotse mokgwa wa pasa. Bantsho ba ne ba sa tsamaye ka kgololesego.”
4
“Go tloga kwa tshimologong ya 1912, basadi ba ne ba ntse ba ngongorega ka mokgwa wa pasa mo Aforika Borwa.
-
Ka 1913, setlhopha sa basadi, se eteletswe pele ke Charlotte Maxeke, se ne sa fisetsa dipasa tsa bona fa pele ga diofisi tsa mmasepala. Ba ne ba lwa le mapodisi!”
5
“Go tswa pusong ya bokoloni go ya go pusotlhaolele, dilo di ne tsa senyega go feta,” Khanyisa a bua.
-
“A jaana o ka naganela kwa pele gore go diragetse eng ka la 9 Phatwe 1956?” Lerato a bua jalo fa ba tsena ka laeborari.
-
“O tshwanetse go itumelela kitso ya me ya hisetori!” Khanyisa a bua.
6
Kwa laeborari ba ne ba nnela mo tafoleng e e mo sekhutlwaneng. Khanyisa a tswelela a ntse a seba.
-
“Ka bo1950, ditlamorago tsa melao ya pusotlhaolele di ne di ketefaletsa bantsho botshelo.
-
Botshelo bo ne bo le bokete segolo mo basading ba bantsho. Mme ba ne ba dira ditshupetso!” Khanyisa a bua, a buela kwa godimo.
7
“Ka 1956, basadi ba Aforika Borwa ba ne rulaganya mogwanto o mogolo kgatlhanong le melao e mentšhwa ya pasa e e neng e tlhagisiwa mo basading.
-
Mogwanto o ne wa rulaganyetswa ka la 9 Phatwe.
-
Basadi ba bantsho le basweu go ralala naga ba ne ba thologela kwa Pitoria ka Mogwanto wa Basadi go leba kwa Union Buildings.”
8
“E ne e le letsatsi le lentle! Basadi ba le bokana ka 20,000 ba ne ba tsenela mogwanto.
-
Baeteledipele e le Lillian Ngoyi, Sophia Williams, Helen Joseph, Rahima Moosa, le Bertha Gxowa. Botlhe ba ne ba itshwere sentle e bile ba ikemiseditse.
-
Ba isitse dikopo tse di diketekete tsa boikuelo kwa pusong. Ditshwetso di ne di le kgatlhanong le melao ya dipasa.”
9
“Jaanong, ga diragala eng morago ga foo?” Lerato a botsa.
-
“Ba ne ba ema le go letela tonakgolo. Ba ema ka tidimalo metsotso e le 30, ba letile.
-
Go ne go le bogale, basadi ba le dikete di le someamabedi!” Ga a ka a tla go kopana le bona,” Khanyisa a araba.
-
“Legatlapa!” Lerato a suma.
-
“Jaanong, basadi ba simolola go opela,” Khanyisa a bua.
10
“Ba eme mmogo, basadi ba ne ba itse maatla a mantswe a bona, le maatla a tidimalo ya bona.” Khanyisa a tlhalosa.
-
“Ba ne ba opela, ‘Wathinta abafazi, Wathint’imbokodo, Uzakufa!’”
-
‘Wa tlhaba mosadi, O tlhaba letlapa, O tla thubega!’”
11
“Mogwanto wa Basadi ke tshupetso le ngongorego e e botlhokwa mo hisetoring ya rona.
-
Morago ga temokerasi, la 9 Phatwe e nnile letsatsi la boikhutso, letsatsi le go tlotlomatswang le go keteka ditiro tsa basadi mo setšhabeng.
-
Re ka keteka gore basadi ba na le ditshwanelo tse dintsi ga jaana go na le mo nakong e e fetileng,” Khanyisa a fetsa.
12
Lerato a re, “Ijoo, o tshwanetse wa bo o bone ‘A’ mo tirong ya gago?”
-
“Ee, ke ne ke kgatlhilwe ke basadi ba ba makatsang ba le maatla mo hisetoring ya rona. Maikemisetso le diphitlhelelo tsa bona di a tlhotlhoetsa!” Khanyisa a araba.
-
A tlatsa, “Lerato, nna le wena re ka nna basadi bao ba isago!”
13

Dipotso


  1. Ke goreng basadi ba ne ba šakgetse ka 1956?
  2. Ba ne ba ngongorega jang?
  3. Baeteledipele ba mogwanto e ne e le bomang?
  4. Batlisisa ka mongwe wa basadi ba.
  5. Ditiro tsa basadi ke eng mo setšhabeng? Ditiro tsa banna ke eng? Tlhalosa gore ke goreng o nagana jalo.
14

Dibuka tse di mo motseletseleng o


  • Letsatsi la Poelano
  • Letsatsi la Kgololesego
  • Letsatsi la Ngwaoboswa
  • Letsatsi la Ditshwanelo tsa Botho
  • Letsatsi la Basadi
  • Letsatsi la Badiri
  • Letsatsi la Baša
15


Kanelo e, e tlhamilwe le go kwalwa ka 2020 jaaka karolo ya porojeke ya didiriswa tsa go buisa tsa Zenex Ulwazi Lwethu.
16
Your attribution should include the following:
Title: Letsatsi la Basadi
Author/s: Thelma Mhlari
Translator/s: Dineo Moatshe
Illustrator/s: Khanyisa Masemola
Assurer/s: Opelo Thole
Language: Setswana

© Zenex Foundation - Saide 2024

CC BY includes the following elements:
 BY   – Credit must be given to the creator