John Kani, o tswile Mosimeng wa Noga go nna Kgosi
Ndivhuho Mutsila
Vusi Malindi


Bukakanelo e, e ka ga Bonisile John Kani.
-
O tsetswe ka 1943 kwa New Brighton, mo toropong ya Qheberha. Bonnyaneng ba gagwe o ne a rata dikgang le go diragatsa.
-
Mosimane yo, go tswa Kapa Botlhaba, o godile go nna modiragatsi, mokwadi le motlhagisi yo o itsegeng lefatshe ka bophara!
1
Kokoagwe John o ne a simolola go mo tlotlela dikgang.
-
O mo tlotletse mainane a mantsi, a mo ruta le go tlhama dikgang.
-
Maitseboa mangwe le mangwe, fa go robalwa, nkokoagwe John o ne a mo tlotlela dikgang.
-
Dikgang di ne di tshosa, e le tsa moloi wa meno a matelele le dinala tse di telele.
2
Ka letsatsi lengwe, nkokoagwe a kopa John go mo tlotlela kgang.
-
A simolola ka gore, “Bogologolotala, go ne go le mosadimogolo, yo o neng a batla go bolelela bana dikgang tsa gagwe!”
-
John o ne a kgatlhegela go tsaya dikgang. O simolotse go diragatsa mo diterameng tsa sekolo.
-
Terama ke kgang e e diragatswang ke badiragatsi.
3
Badiragatsi ba kgona go fetola mantswe a bona go itira e kete ke batho ba ba farologaneng. Ba diragatsa jaaka badiragatsi mo diterameng le difilimi.
-
Fa John a le monnye, o ne a tle a bogele difilimi le ditsala, tse di neng di sa tlhaloganye Senyesemane.
-
John o ne a ba tlhalosetsa mmuisano wa Senyesemane, a diragatsa jaaka badiragatsi ba ba farologaneng.
4
Fa a fetsa dithuto tsa gagwe tsa sekolo se segolo, John o ne a dira kwa bodirelong.
-
O ne a tsenela setlhopha sa badiragatsi, ba ba dirang ditiro tse dingwe. Bontsi e ne e le batho bantsho.
-
John o ne a re, “Re ne re se fela setlhopha sa badiragatsi. Re ne re le masole mo seraleng. Re dirisitse botaki go bua kgatlhanong le botlhokotsebe.
5
Ka nako e, John a nna tsala e kgolo le modiragatsi, Winston Ntshona. Ba simolola go tlhama diterama mmogo.
-
Ba ne ba le mo setlhopheng sa terama se se bidiwang Serpent Players.
-
Tiragatso ya setlhopha se ya ntlha e ne e le mo mosimeng wa noga o o lolea kwa serapeng sa diphologolo sa Gqeberha.
-
Ke ka moo ba neng ba ipitsa Serpent Players.
6
Serpent Players e ne e rulagantswe ke Athol Fugard, modiragatsi le mokwadi mongwe.
-
Athol, John le Winston, ba dirile mmogo go tlhama diterama tsa botlhokwa mo tshimologong ya 1970.
-
Metshameko e, e ne e le ka ditlamorago tsa tlhaolele mo Bantshong.
-
Diterama di bidiwa Sizwe Banzi is Dead le The Island.
7
Sizwe Banzi is Dead, e ka ga molao wa dipasa, fa Bantsho ba ne ba tshwanetse go tshola makwaloitshupo a dompase.
-
Sizwe Banzi a ka se dire gonne ga a bone tumelelo mo paseng ya gagwe.
-
The Island e ka ga banna ba babedi kwa Robben Island, bao ba neng ba le mo kgolegelong e e itsegeng ya batshwarwa ba dipolitiki.
8
Ka 1975 kwa New York, John le Winston ba gapile dikabo tsa Tony tsa Sizwe Banzi Is Dead le The Island.
-
Kabo ya Tony ke ya botlhokwa ya boditšhabatšhaba ya terama ya phaphosi ya dipontsho. (Diterama di diragatswa mo phaphosi ya dipontsho).
-
John a simolola go dira le motlhagisi wa phaphosi ya dipontsho e bong Barney Simon.
9
John le Barney ba tlhamile Market Theatre Laboratory, e le karolo ya Market Theatre mo Johannesburg.
-
Market Theatre Laboratory e rupisa batho ba ba ratang go dira mo phaphosi ya dipontsho, segolo go diragatsa.
-
Ka 2014, Market Theatre e fetotse leina la lefelo la yona le legolo go nna John Kani Theatre, go mo tlotlomatsa.
10
Ka 2002, John o ikwaletse terama ya gagwe ya ntlha. E bidiwa Nothing but the Truth mme e tlhomilwe mo Aforikaborwa morago ga tlhaolele.
-
Morago ga dingwaga, o diragaditse mo diterameng tsa mefutafuta, go akaretsa Othello ka William Shakespeare, le Miss Julie ka August Stringent.
11
John o diragaditse mo metseletseleng ya mananeo le difilimi tsa TV ka 2016, o tshamekile King T’Chaka of Wakanda mo pontshong ya Captain America: Civil War.
-
Morago ga dingwaga tse pedi, o tshamekile King Wakanda mo pontshong ya Black Panther.
-
John o tlhagisitse isiXhosa jaaka puo ya Wakanda.
12
Ka 2005, Mmuso wa Aforikaborwa o abetse John kabo ya The Order of Ikhamanga.
-
Kabo e, ke ya tiro e e gaisang mo lefapheng la boitlhamedi, sekai, mo phaphosi ya dipontsho, dikwalo, mmino, kgotsa bobegakgang.
-
Gompieno, John o sa ntse a kwala, a diragatsa, le go atlega mo phaphosi ya dipontsho.
13


Se ke se John Kani o se buang ka katlego ya gagwe.
“Phaphosi ya dipontsho, go kwala le go diragatsa go nkgontsha go amana le se se diragalang mo teng ga me, mo tengteng ga mowa wa me.”O nagana gore o raya eng? Tlotla ka se le ba bangwe.
14

Dipotso


  1. Ke mang yo o rotloeditseng John Kani go anela dikgang? Ke goreng o rialo?
  2. Tlhalosa gore batho ba, ba dira eng mo phaphosi ya dipontsho: modiragatsi, mokwadi, motlhagisi.
  3. Leina la setlhopha sa terama sa tshimologo ya The Serpent Players ke mang?
  4. Batlisisa gore a go na le setlhopha sa phaphosi ya dipontsho mo tikologong ya lona.
  5. Badiragatsi ba tuma jang mo tirong ya bone?
  6. O akanya eng ka tiro ya badiragatsi le borammino?
  7. John Kani a re, “Re ne re dirisa botshweretsi go buela kwa ntle go ganetsa dilo tse di fosagetseng.” Ke dilo dife tse di fosagetseng tse ba ka tswang ba ne ba di ganetsa?
  8. O nagana gore ke goreng batho ba akanya go dirisa botshweretsi go bua ka dilo tse di fosagetseng mo setšhabeng?
15


Bukakanelo e, e tlhamilwe le go kwalwa ka Tshivenḓa jaaka e karolo ya porojeke ya 2021 ya didiriswa tsa go buisa tsa Zenex Ulwazi Lethu.
16
Your attribution should include the following:
Title: John Kani, o tswile Mosimeng wa Noga go nna Kgosi
Author/s: Ndivhuho Mutsila
Translator/s: Dineo Moatshe
Illustrator/s: Vusi Malindi
Assurer/s: Opelo Thole
Language: Setswana

© Zenex Foundation - Saide 2025

CC BY includes the following elements:
 BY   – Credit must be given to the creator