Naka le Nala ba bua ka lefatshe
Connie Makgabo
Vusi Malindi
Naka le Nala ba mo tshingwaneng ya bone. Ba a phepafatsa, le go lema merogo.
-
 “Ke goreng re dira ka natla jaana mo letsatsing?” Nala a bua ka khemo.
1
“Re dira ka natla gonne re rata lefatshe le tikologo ya rona!” Naka a bua a goeletsa.
-
“Bana ba gola sentle thata mo tikologong e e phepa,” a oketsa.
2
“Mme, re lema merogo gore re kgone go ja dijo tse di itekanetseng,” ga tswelela Naka.
-
“Go itemela merogo go ka re thusa gore re ipolokele madi,” ga rialo Nala.
3
“O ne o re eng ka lefatshe? Mpolelele go le gontsi?” Nala a tswelela.
-
Naka a re, “A re nne fa fa fatshe, mme ke tlaa go bolelela sengwe ka lefatshe la rona.”
4
Naka a simolola, “Lefatshe ke polanete e kgolokwe e re nnang mo go yone. Batho ba le bokana ka dibilione di le robedi ba nna mono! Lefatshe le dikologa letsatsi.”
5
“Lefatshe le dirilwe ka boalo, mowa, le metsi. Ditshedi di nna mo bogodimong jwa polanete gonne e molelo thata mo teng,” go tlhalosa Naka.
6
Nala o mo tsena ganong, “Ke goreng re sa we mo lefatsheng?”
-
“Maatla a kgogedi a re gogela kwa tlase. Maatla ano a re gogela mo polaneteng,” ga araba Naka.
7
“Re ka tlhokomela lefatshe jang?” ga botsa Nala.
-
Naka a araba, “Ga re a tshwanela go kgotlela lefatshe. Re tshwanetse go dirisa gape le go fokotsa matlakala a rona.”
8
Naka a tswelela, “Re tshwanetse go dirisa gape polasetiki, pampiri, galase, le meteme. Go ka dirwa dilo tse dintšhwa ka didiriswa tse di dirisiwang gape. Re latlha dilo tse dintsi thata.”
9
Naka a konosetsa, “Re tshwanetse go tlhokomela lefatshe gonne batho ba a le tlhoka gore ba tshele.”
-
Nala a makala, “Re tshwanetse go boela tirong!”
10

Dipotso


  1. Nala le Naka ba dira eng? Ke goreng?
  2. Kwala dintlha tse 4 ka polanete ya rona.
  3. Ke goreng re tshwanetse go tlhokomela lefatshe?
  4. ‘Go dirisa dilo gape’ go kaya eng?
  5. Ke eng se se ka dirisiwang gape? Neela dikai.
  6. Re ka dira eng gape go sireletsa lefatshe?
11
Your attribution should include the following:
Title: Naka le Nala ba bua ka lefatshe
Author/s: Connie Makgabo
Translator/s: Opelo Thole
Illustrator/s: Vusi Malindi
Assurer/s: Glanice Masilo, Dineo Moatshe
Language: Setswana

© Zenex Foundation - Saide 2024

CC BY includes the following elements:
 BY   – Credit must be given to the creator