Kwena le Kgabo e ne e le ditsala
Ntombikayise Malaza
Sibusiso Khumalo
Kwena le Kgabo e ne e le ditsala tse di tlhwatlhwa.
-
Kwena o ne a nna mo nokeng.
-
Kgabo o ne a nna mo setlhareng go bapa le noka.
1
Kwena o ne a ja ditlhapi mo nokeng.
-
Kgabo o ne a ja maungo mo ditlhareng.
2
Ngwana wa ga Kwena o ne a lwala thata.
-
Nkokoagwe o ne a re, “O tla fodisiwa fela ke sebete sa Kgabo.”
3
Kwena a laletsa Kgabo kwa ntlong ya gagwe mo nokeng.
-
A mo tshepisa go mmelega go mo kgabaganyisa noka.
4
Fa Kwena e thuma, ya bolelela Kgabo ka ngwana wa yona yo o lwalang.
-
“O tla fodisiwa fela ke sebete sa Kgabo,” Kwena a bua ka kutlobotlhoko.
5
“O ka bo o mpoleletse pele re tsamaya!” Kgabo a rialo.
-
“Sebete sa me se nna mo setlhareng, a re se boele,” a rialo.
6
Kwena a boela a thumela losing.
-
Kgabo a fologa mo mokokotlong wa gagwe mme a tabogela kwa godimo ga setlhare.
-
Kwena a leta.
7
Kwena a leta nako e telele, fela Kgabo a se boe.
8
Your attribution should include the following:
Title: Kwena le Kgabo e ne e le ditsala
Author/s: Ntombikayise Malaza
Translator/s: Lorato Trok
Illustrator/s: Sibusiso Khumalo
Assurer/s: Dineo Moatshe, Opelo Thole
Language: Setswana

© Zenex Foundation - Saide 2024

CC BY includes the following elements:
 BY   – Credit must be given to the creator