Tsakani le dimpopo tsa legong
Hlongwani Hlongwani
Tebogo Boikanyo Matshana
Tsakani le dimpopo tsa legong

Dineo Moatshe
Tebogo Boikanyo Matshana
Bogologolo tala, mo motseng wa dithabana tsa Mbhokota, go ne go nna mosetsana a bidiwa Tsakani.
-
Tsakani o ne a se na ditsala, a tlhola ka bodutu.
-
O ne a batla mongwe go bopa ditshamekisi tsa letsopa, go dira dipitsa, dikopi, le dikgomo. Go se yo o tshamekang le ene.
1
Nkoko o ne a lemoga se, a nagana, “Tsakani o tshameka ka matlapana letsatsi le letsatsi. Ga go a siama. Ke tla dira leano.”
-
Nkoko o ne a itse go betla ka legong. Go dira dibetlwa tsa ditlou, tsa batho ba ba itsegeng.
-
A dira sengwe le sengwe ka kakanyo.
2
Fa Tsakani a tshameka ka matlapana, Nkoko o ne a betla mpopo wa legong.
-
Mpopo wa legong o ne o kgona go dula le go tsamaya, fa fela o le gaufi le Tsakani.
-
“Nkoko, o siame tota,” Tsakani a bua ka boitumelo fa a bona mpopo wa gagwe.
3
Nkoko o ne a tlogela Tsakani le mpopo fa a santse a tswile.
-
Tsakani o ne a itumela thata, a tshameka ka mpopo. Ka bonako, a borega gape.
-
Mpopo o ne o dula, o tsamaya, fela o sa bue. Go ne go se yo o ka buang le ena.
4
Jaanong, Nkoko o ne a dira mpopo o mongwe o o ka tsamayang, o dula, le go bua.
-
Tsakani o ne a itumetse thata. O ne a bina mmino wa go fenya. O ne a re, “Nkoko, o molemo, ke itumetse thata.”
-
Ba ne ba tshameka mmogo go fitlha letsatsi le wela.
5
Fela mpopo ga o bine, mme Tsakani o ne a rata go bina.
-
O ne a rata go bina mmino bontle, mmino wa phenyo, le xibelani.
-
A rata go ikgadikanya jaana le jaana, a se nosi, mmogo le tsala ya legong. Go ne go se yo a ka binang nae.
6
Nkoko o ne a dira sengwe le sengwe ka letsopa le legong.
-
A dira mpopo o montle wa legong gape, o rwala dibaga le maseka, o apara le xibelani.
-
Mpopo o wa legong, o ne o le mebalabala thata. O kgona go tsamaya, o dula, o bua, le go bina.
7
Mpopo le Tsakani ba ne ba reetsa dipina, ba bina mmogo.
-
Go tloga letsatsi leo fa ba se kwa sekolong, Tsakani o ne a tshameka ka dimpopo tsa legong tse Nkoko a di dirileng.
-
Tsakani o ne a sa tlhole a jewa ke bodutu.
8
Fa Nkoko a lemoga gore Tsakani o itumetse jang, o ne a direla bana botlhe mo motseng dimpopo tsa legong.
-
O ne a betla dibetlwa tse dintsi tsa legong tsa go kgabisa.
-
Lefatshe le ne le bona tiro e ntle ya diatla tsa ga Nkoko.
9
Your attribution should include the following:
Title: Tsakani le dimpopo tsa legong
Author/s: Hlongwani Hlongwani
Translator/s: Dineo Moatshe
Illustrator/s: Tebogo Boikanyo Matshana
Assurer/s: Opelo Thole
Language: Setswana

© Zenex Foundation - Saide 2024

CC BY includes the following elements:
 BY   – Credit must be given to the creator