Naka le Nala ba bua ka molelo
Glanice Masilo
Sibusiso Khumalo
“Itlhaganele Naka, re tlile go nna thari kwa sekolong!” Nala a tsibosa.
-
“Ke gatsetse! A re eme re gotse molelo, go ithutafatsa,” ga bua Naka.
1
“A o lebetse gore mmangwane o re boleletse, re se tshameke ka molelo?” Nala a botsa.
-
“Ke mo utlwile, fela ga re ka fa gare ga ntlo!” Naka a araba.
2
Nala a re, “Re mo mmileng, fela go santse go le kotsi. Molelo o ka anama ka bonako mme wa dira tshenyo thata.”
-
Naka a a akanya ka se.
3
“Bogologolo, molelo e ne e le mokgwa fela wa go thutafatsa le lesedi go botlhe. Batho ba o dirisa go apaya, go thutafatsa le go bonesa.” Naka a bua.
4
Nala a araba, “Molelo ke sediriswa sa botlhokwa, fela o thata go o laola. Ke ka moo mmangwane a reng, bana ba se tshube molelo. Botlhe re nne kelotlhoko.”
5
Nala a tswelela, “Motlakase o bolokesegile gape o phepa, gona le go fisa dikgong le malatlha,”
-
“Go fisa dipeso go baka kgotlelego,” Nala a tlaleletsa.
6
Naka a botsa, “A o itse gore molelo o simolola jang?”
-
“Nako dingwe dituki le mowa di a kopana, di dira tlhase. Molelo o simolola jalo,” Nala a tlhalosa.
7
“Fa mowa le dituki di kopana ka bonako, ka themphereitšha e e siameng, molelo o simolola go tuka. Sekao,go forogotlha dithupana mmogo, kgotsa go kgwara mokgwaro.”
8
“Molelo o ntsha mosi,” Naka a bua.
-
Nala a dumela, “Ee, ke ka moo re sa tshwanelang go tshuba molelo ka fa ntlong. Ga go a siama go hema mosi.”
9
Nala le Naka ba kwa sekolong.
-
“Gakologelwa, o seka wa tlogela kerese kgotsa molelo o tuka. Molelo o ka fisa dintlo le batho!” Nala a tshwaela.
10

Dipotso


  1. Ke mang a batlang go gotsa molelo?
  2. Neela tiriso di le 3 tsa molelo?
  3. Neela mathata a le mararo ka ga molelo?
  4. Kgotlelego ke eng?
  5. Neela mekgwa e 2 ya pabalesego mo molelong.
  6. Batla mafoko mangwe a a kayang ‘molelo’ ka maleme a mangwe. Thala setshwantsho ka mafoko ao.
11
Your attribution should include the following:
Title: Naka le Nala ba bua ka molelo
Author/s: Glanice Masilo
Illustrator/s: Sibusiso Khumalo
Assurer/s: Refilwe Ramagoshi, Dineo Moatshe
Language: Setswana

© Zenex Foundation - Saide 2024

CC BY includes the following elements:
 BY   – Credit must be given to the creator