Lihle le Lwandle ba ya kwa laeborari, go ithutela ditlhatlhobo.
-
Lihle o eme kwa ntle. O bitsa kgaitsadiaagwe, “Itlhaganele, Lwandle!”
1
“Ke feditse,” ga bua Lwandle a tswalela mojako wa kwa pele.
-
“Ke goreng o apere diaparo tseo?
-
Go diragala eng ka wena, a o a bobola? Lihle a botsa.”
-
2
Fa go tsidifala, ke tla bo ke ipaakantse!” Lwandle a nyenya.
-
-
Lihle a fetola, “Ke letsatsi le le bolelo la Selemo. O aparetse setlha se sele!”
3
Fa ba tsamaya, Lwandle a re, “Go phakela, go letsatsi gape go lesedi.”
-
Lihle a araba, “Ee, ke ka moo botlhe ba apereng diaparo tsa Selemo!”
4
Lihle a tlhalosa, “Setlha se, letsatsi le tlhaba phakela mme le dikela thari go na le ditlha tse dingwe. Go diura di le dintsi motshegare. Dithemperetšhara di kwa godimo Selemo.”
5
“A ga o gakologelwe se Morutabana a re boleletseng sona?”
-
Lwandle a akanya, mme a re, “Ee ka Selemo re nwa dinotsididi. Ke batla senotsididi!”
6
“Ka Selemo, re apara botsatsa. Bangwe ba dirisa dikgele go itshireletsa mo letsatsing,” Lihle a bua.
-
“Fokotsa lobelo, ke a gotela!” Lwandle a ngongorega.
7
“Bona batho ba iintsha mogote ka mo mogobeng. A re thumeng, go mogote go ithuta,” Lwandle a tshega.
-
Lihle a thukutha tlhogo, go kgaitsadiaagwe.
8
“Ke rata dikwava le dilitšhi,” ga bua Lihle, a lebile maungo a a rekisiwang.
-
“Ke nyorilwe,” Lwandle a hemela kwa godimo.
-
“Tsaya, ke tlile le metsi,” Lihle a nyenya.
9
“Mogote o o montsi! Selemo se fela leng?” Lwandle a fegelwa.
-
Lihle a tshega, “Itshoke, Selemo ke gona se simololang!
-
Dithemperetšhara di tswelela go tlhatloga.”
10
——Dipotso
Batla mafoko a 3 a a tlhalosang Selemo.
Ke ofe wa basetsana yo o apereng diaparo tse di siametseng: • Mariga? • Selemo? Tlhalosa dikarabo tsa gago.
Kwala dilo di le 2 tseo re ka di dirang go itsidifatsa.
Ke dikotsi dife tsa go nna mo letsatsing le le fisang sebaka se se telele thata?
Batla tshedimosetso ya dinaga tse dingwe tse tlhano tsa mo Aforika tse di itemogelang Selemo, Dikgakologo, Mariga le Letlhabula.
11
Your attribution should include the following: Title: Lihle le Lwandle ka Selemo Author/s: Dikeledi Queen Shai Illustrator/s: Khanyisa Masemola Assurer/s: Refilwe Ramagoshi, Dineo Moatshe Language: Setswana