Lihle le Lwandle ka dikgakologo
Tebogo Matshana
Tebogo Matshana
Lihle le Lwandle ba mo Kapa Botlhaba go etela ntsalaabone, Lina.
-
Lina o ba isa go bona malomo mo lefelong le le bidiwang Namaqualand.
1
Basetsana ba gakgametse!
-
“Lefatshe le apesitswe ka mebala e e galalelang!” Lwandle a makala.
-
Lina a nyenya, “Mo tshimologong ya dikgakologo, malomo a mantsi mono a thunya.”
2
Lina a tswelela, “Morago ga pula, le fa dithempereitšha di simolola go tlhatloga, malomo a mela gongwe le gongwe.”
-
“Mo nakong e khutshwane, lefatshe le le omileng le fetoga go nna masimo a malomo.”
3
“Ka dikgakologo, mmaarona o jala dipeo mo tshingwaneng. Ke mang yo o jetseng malomo mono?” ga botsa Lwandle.
-
Lina a araba, “Ke malomo a naga, ga a jalwa ke ope.”
4
“Namaqualand e na le mefuta e mentsi e e farologaneng ya dijalo, diphologolo, le ditshenekegi,” ga rialo Lina.
-
“Ke akanya gore lereo la seo ke ‘mefutafuta ya ditshedi’,” Lihle a gakologelwa.
-
“Mefutafuta-eng?” ga botsa Lwandle.
5
“Ee, mefutafuta ya ditshedi ke fa go na le mefuta e mentsi e e farologaneng ya ditshedi mo lefelong,” ga araba Lina.
-
“Mefutafuta ya ditshedi e dira tikologo e e itekanetseng mo tlhagong,” ga rialo Lihle.
6
Basetsana ba feta modisa le dinku tsa gagwe.
-
“Baaaa!” dinku di a lela.
-
“Baaaa!” basetsana ba opelela gongwe.
-
“Dikonyana tse dintsi di tsalwa ka dikgakologo,” ga lemoga Lihle.
7
“Diphologolo tse dintsi di a tsala, kgotsa di thuthusa mae, ka dikgakologo,” ga dumela Lina.
-
“Ke rata bana ba diphologolo! Totatota dikgakologo di simolola leng?” ga botsa Lwandle.
8
“Go boima go nepa ditlha,” ga araba Lina.
-
A tswelela, “Mme ka kakaretso re bona matshwao a ntlha a dikgakologo mono gaufinyana le Lwetse.”
9
“Maemo a bosa a simolola go thutafala, le pula e a na,” ga rialo Lina
-
“Mme, ka nako e khutshwane, sekaka se nna tshingwana ya malomo a naga,” Lihle a nyenya.
10

Dipotso


  1. Lihle le Lwandle ba kwa kae? Batla lefelo la teng mo mmepeng.
  2. Ke setlha sefe mo kgannyeng?
  3. Go direga eng mo setlheng seno?
  4. A dikgakologo di tshwana kgotsa di farologane le tsa kwa o nnang teng? Tlhalosa.
  5. Dijalo di tlhokang gore di gole?
  6. O rata setlha sefe thata? Ka goreng?
11
Your attribution should include the following:
Title: Lihle le Lwandle ka dikgakologo
Author/s: Tebogo Matshana
Illustrator/s: Tebogo Matshana
Assurer/s: Opelo Thole, Dineo Moatshe
Language: Setswana

© Zenex Foundation - Saide 2024

CC BY includes the following elements:
 BY   – Credit must be given to the creator