Kgothatso Montjane, Kgosigadi wa Thenese
Glanice Masilo
Sibusiso Khumalo


Kgankhutshwe e, e ka ga Kgothatso Montjane.
-
O belegwe ka ngwaga wa 1986 kwa Polokwane, kwa torotswaneng eo e bidiwang Seshego.
-
Mosetsana yo o belegwe ana le bolwetse, gape mo bonnyaneng o ne a aga a idibala.
-
Go goleng ga gagwe ya nna motshameki wa maemogodimo, naletsana ya thenese.
1
Fa Kgothatso a le monnye, dingaka di ne tsa mo dira karo, mme a kgaolwa leoto la gagwe la molema. O ne a dirisa leoto la polasetiki.
-
Bana ba bangwe ba ne ba sa rate go tshameka le ena, ka ntlha ya bogole jwa gagwe.
-
Fela mmaagwe, o ne a mo tsaya jaaka ngwana yo o itekanetseng. O ne a mo neela ditirwana tse di jaaka go tlhatswa dijana.
2
Mmaagwe Kgothatso o ne a mo isa kwa sekolong se se bidiwang Helen Franz Special School. Se ke sekolo sa bana ba ba nang le bogole.
-
Ke kwa sekolong se, a itshupileng gore ke naletsana ya metshameko.
-
Mo sekolong, o ne a tsenela metshameko ya metantsho ya Ballroom le ya Latin America.
3
Mongwe wa barutabana ba ga Kgothatso, o ne a mo tlhopha go emela sekolo sa bona kwa kampeng ya thenese, kwa Gauteng.
-
Kgothatso o ne a ise a tshameke thenese!
-
Kgothatso a re, “Ke ne ka tshwanela go tshameka thenese, gonne ke rutilwe go tlotla batho ba bagolo.”
4
Kgothatso o tshamekile ka matsetseleko kwa kampeng ya thenese. Se e nnile tshimologo ya loeto lwa gagwe, go nna motshameki wa maemogodimo wa thenese ya setuloteti mo lefatsheng ka bophara.
-
O amogetse kabo ya setuloteti le ditshamekisi dingwe tsa thenese.
-
O tla nna yo mongwe wa Ma Aforika borwa a a kwa godimo, a basadi ba bogole mo metshamekong.
5
Kgothatso o simolotse go tsenela dikgaisano tsa thenese ya setuloteti go ralala lefatshe.
-
O fentse dikgaisano tsa kwa Belgium le Switzerland. Thonamente ya thenese ya kwa Swiss e nnile kgaisano eo a e ratileng go gaisa.
-
Mo Aforika Borwa, o tlotlomaditswe gararo jaaka moparalimpiki wa mosadi wa ngwaga mo metshamekong.
6
Ka ngwaga wa 2013 le 2014, one a tsaya karolo mo dithonamenteng tsa Australia, France le Amerika
-
O tshamekile thenese mo disenyeleng a le nosi, fa mo didabolong a ne a na le motshameki yo mongwe.
7
Kgothatso gape o tsenetse kgaisano ya metshameko ya diparalimpiki, eo e leng metshameko ya diolimpiki ya batshameki ba bogole.
-
Go ikatisetsa dikgaisano tse go ne go le thata, fela Kgothatso ga a ka a nyema moko.
-
O nnile leloko la komiti ya diparalimpiki tsa Aforika Borwa tsa selemo, ka ngwaga wa 2008, 2012 le 2016.
8
Kgothatso o dirile ka natla mo dithutong tsa gagwe. O tsene kwa Yunibesithing ya Venda koo o ithutetseng dikerii ya tsa Tlhabologo, Metshameko le Saense.
-
Kwa Yunibesithing, motshameko wa thenese ya setuloteti, e ne e le ona fela, o o neng o tshamekiwa ke batshameki ba ba nang le bogole.
9
Wimbledon e kwa Engelane. Ke ko lebaleng le le itsegeng la bogologolo la bojang jwa thenese, kwa go tshwarelwang dikgaisano tsa ngwaga le ngwaga.
-
Ka ngwaga wa 2018, Kgothatso o ne a nna MoAforika Borwa wa ntlha wa mosadi go fitlhelela makgaolakgang kwa Wimbledon.
10
Kgothatso o ne a tshwanetse go tsaya loeto go ya kwa Engelane, go tsenela thonamente ya Wimbledon.
-
Fela, go ne go sena matlole go duelela sefofane le borobalo. Kgothatso o ne a tshwenyegile, gonne a akanya fa a ka se kgone go tsaya loeto, ka ntlha ya tlhokego ya matlole.
-
Ka lesego, o ne a fitlhela tshegetso go tswa go setlamo sa basadi sa dikgwebo!
11
Wimbledon e ne e le thonamemte ya Grand Slam ya bone, e Kgothatso o neng a e tsenela mo ngwageng wa 2018.
-
Grand Slam ke dikgaisano di le nne tsa maemogodimo mo dikgaisanong tsa motshameko wa thenese.
-
O nnile motshameki wa ntlha wa MoAforika, mo motshamekong wa thenese ya setuloteti, go fitlhelela thonamente di le nne tsa Grand Slam mo ngwageng o le mongwe.
12
Mo godimo ga diphitlhelelo tsa gagwe, Kgothatso o tswelela go thusa batshameki bao ba nang le bogole.
-
O bontsha batho gore o ka nna sengwe le sengwe mo botshelong, o ntse o na le bogole.
13

Dipotso


  1. Kgothatso Montjane ke mang? Tlhalosa.
  2. Kgothatso o simolotse jang go tshameka thenese?
  3. Neela leina la sekolo, koo Kgothatso a ithutileng motantsho wa Ballroom le wa Latin Amerika?
  4. Kgothatso o ne a tsenela kgaisano di le nne tsa Grand Slam mo ngwageng o feng? Ke goreng se se le botlhokwa?
14



Kgangkhutshwe e e kwadilwe ka Setswana,jaaka karolo ya porojeke ya Zenex Ulwazi Lwethu ya 2021.
15
16
Your attribution should include the following:
Title: Kgothatso Montjane, Kgosigadi wa Thenese
Author/s: Glanice Masilo
Illustrator/s: Sibusiso Khumalo
Assurer/s: Opelo Thole
Language: Setswana

© Zenex Foundation - Saide 2024

CC BY includes the following elements:
 BY   – Credit must be given to the creator