Mmakgabo Helen Sebidi le lefatshe la botaki
Refilwe Ramagoshi
Vusi Malindi


Kgang e, e ka ga setaki se se tumileng sa mosadi wa montsho mo Aforikaborwa Mmakgabo Helen Sebidi.
-
O belegetswe kwa Marapyane, bangwe ba go bitsa Skilpadfontein.
-
O tlaabo o sa ithuta sepe ka botaki jwa Aforikaborwa fa o sa ithuta ka ga Mmakgabo Helen Sebidi.
1
Fa Mmakgabo Sebidi a ntse a gola, Nkokoagwe Metato o ne a mo ruta go dila le go kgapa mo fatshe le mabotana ka boloko.
-
Gape o mo rutile go roka, go kgabisa le go fololela dibaga, go bopa le go kgabisa dinkgo.
2
Mmakgabo Helen Sebidi o ne a tswa mo lelapeng le le tlhokang.
-
Se, se ne sa mo gapeletsa go ya go dira kwa Johannesburg kwa dikhitšhing a le dingwaga di le 16.
3
Ka letsatsi lengwe o ne a kgatlhiwa ke mong wa gagwe a taka. O ne a rekela Mmakgabo dipente tsa gagwe tsa ntlha tsa oli.
-
Mmakgabo o ne a ikatisa ka nosi mo sephiring. Mong wa gagwe o ne a gakgamatswa ke talente ya gagwe, mme a mo rotloetsa go ithutela botaki.
4
Mmakgabo Helen Sebidi o ne a lemoga fa a tlhoka go ithutela botaki semmuso.
-
Ka ngwaga wa 1970 go ya go 1973, Mmakgabo o ne a ikwadisa kwa White Studio kwa Sophiatown.
-
O ne a katisiwa ke motaki wa montsho yo o tumileng e bong Keonakeefe Mohl.
5
Mmakgabo o ne a rata go taka ditiragalo tsa kwa Marapyane kwa a goletseng teng.
-
O ne a taka basadi ba tswa komeng kgotsa ba tlhagola kwa masimong.
6
Mmakgabo o ne a kopana le setaki Bill Ainslie yo o neng a mo rotloetsa go taka ka boitlhamedi.
-
Botaki jo, bo ne bo farologana le dikgang tsa mannete tse a neng a tlwaetse go di taka tsa botshelo jwa Marapyane.
7
Mmakgabo Helen Sebidi o ne a ruta bana botaki kwa Katlehong Arts Centre.
-
O ne a nna leloko la Art Foundation mme a katisa
-
bataki ba basweu le ba bantsho mmogo.
-
Ka nako e, o ne a tshwara dipontsho tsa botaki kwa Zoo Lake mme a rekisetsa bajanala tiro ya gagwe.
8
Botaki jwa ga Mmakgabo bo tlhotlhelediwa gape ke tshotlego ya basadi le ditiragalo tsa ka metlha kwa makeišeneng.
-
Tshotlego ka ntlha ya tlhaolele e itshupa sentle mo botaking jwa gagwe mo ditshwantshong tse: Tear of Africa and Where is My Home?
9
Mmakgabo Helen Sebidi o ne a tshwara dipontsho tsa gagwe tsa ntlha ka 1986.
-
O ne a bontsha boitlhamedi jo bo nang le bonnete.
10
Mme Sebidi o ne a fiwa sekolašipi sa Fulbright ke ba American Embassy. Mo, o ne a oketsa bokgoni jwa gagwe jwa botaki.
-
Tiro ya ga Mme Sebidi e itsiwe mo Aforika Borwa, Yuropa, Engelane le Amerika.
11
Tiro ya gagwe e mo dikalaring le dimusiamong lefatshe ka bophara. O ne a na le tlhotlheletso e bile a tlotliwa.
-
Mmakgabo o ne a abelwa sekgele sa President Order ka ntlha ya botaki ba pono le botaki ba setso le didiriswa.
12
Sebidi o supile fa go se thata go nna se o batlang go nna sona.
-
Go reetsa nkokoagwe go ne ga mo tswela mosola thata!
13

Dipotso


  1. Ke ditiro dife tse nkokoagwe a neng a mo ruta tsona fa a santse a gola?
  2. O ne a le dingwaga di le kae fa a simolola go dira?
  3. Go tlile jang gore Mmakgabo e nne motaki?
  4. Goreng a ne a atlega mo botaking jwa gagwe?
  5. Ke eng se o se ratang ka ga Mme Sebidi?
14


Bukana e tlhamilwe le go kwadiwa ka Setswana jaaka karolo ya didiriswa tsa go buisa tsa Zenex Ulwazi Lwethu ka 2021.
15
Your attribution should include the following:
Title: Mmakgabo Helen Sebidi le lefatshe la botaki
Author/s: Refilwe Ramagoshi
Illustrator/s: Vusi Malindi
Assurer/s: Opelo Thole
Language: Setswana

© Zenex Foundation - Saide 2024

CC BY includes the following elements:
 BY   – Credit must be given to the creator