Go sa utlwane ga dinoga le batho
Tshepiso Mogaswa
Adonay Gebru
Gatwe e tsile maloba fale, ga bo go na le monna mongwe a bidiwa Mosimane.
-
O ne a le maitseo e bile a le lerato. O ne a rata go ya kwa nokeng go ya go iketla.
-
Ka letsatsi lengwe fa a le kwa molapong a kopana le Noga.
1
“Dumela Noga,” ga bua Mosimane.
-
“Dumela rra,” ga araba Noga.
-
Noga o ne a raya Mosimane gore o kgona go mo humisa. Mosimane o tshwanetse fela go rwala Noga mo tlhogong mme a mo ise ko a ratang gona.
-
Noga o ne a lebega a tshepagala.
2
Mosimane o ne a le bonolo. O ne a dumalana go rwala Noga mo tlhogong mme ba kgabaganya noka.
-
Ba tshetse noka mmogo.
3
Kwa moseja, Noga o ne a kopa mosimane gore e nne ditsala ka gonne bone ka bobedi ga ba na ditsala.
-
Mosimane a dumalana ka gangwe.
-
Mo tseleng ba kopana le Rre Phiri.
4
Rre Phiri a re, “Dumelang bagaetsho.”
-
“Dumela Rre Phiri,” ba arabela gongwe.
-
“Lo lebile kae?” ga botsa Rre Phiri.
-
“Re ya ko ke batlang teng,” ga araba Noga. Rre Phiri o ne a gakgametse thata.
5
“A o amogela moputso o montle wa go rwala noga motlhogong?” Rre Phiri a botsa Mosimane.
-
Mosimane a se bue sepe ka ga se Noga a se mo solofeditseng.
-
Mosimane le Noga ba tsamaya go ya pele.
6
Morago ga sebaka ba tsamaya mo nageng, Mosimane a lapa.
-
Bobedi jo ba feta malome Phokoje gaufi le setlhare sa moriti.
-
Malome Phokoje a lebelela noga e itshopere mo tlhogong ya monna. O ne a sa dumele se a se bonang. A swa ka setshego.
7
Noga a bua ka lentswe le le galefileng a re, “Monna phokoje o a bo o tshega eng? Kana setshego se a lotlhaganya!”
-
“Nna le Noga re ditsala tsa nnete!” Mosimane a raya Malome Phokoje.
-
Malome Phokoje a busetsa mogopolo kwa morago. A simolola go bua a iketlile.
8
“Noga fologa ke tle ke utlwe Malome Phokoje sentle,” ga bua Mosimane.
-
A tswelela go bua, “Noga, ke go thusitse go tshela noka. Ke go thusitse go fitlha fa. Moputso wa me o kae? Ke ne ke nagana gore re ditsala.”
9
Malome Phokoje a botsa, “A ga o itse gore dinoga ga di tshepege?”
-
Noga o ne a bona gore Mosimane o galefile thata mme Noga a tsena sekgwa.
-
Mosimane kwa gae a fitlha a bolelela batho ka ga noga.
-
Go fitlha le gompieno, dinoga ga di tshepiwe ke ope.
10
Your attribution should include the following:
Title: Go sa utlwane ga dinoga le batho
Author/s: Tshepiso Mogaswa
Illustrator/s: Adonay Gebru
Assurer/s: Opelo Thole
Language: Setswana

© Zenex Foundation - Saide 2024

CC BY includes the following elements:
 BY   – Credit must be given to the creator