Sello o bua Puo ya Matshwao
Tebogo Matshana
Tebogo Matshana
Kgaitsadiake, Sello, ke susu.
-
O bua a dirisa Puo ya Matshwao.
-
Fa re tsoga, re a dumedisana.
-
“Madume!” re bua ka matshwao.
1
Fa re fepa ditlhapi tsa rona, Sello o bua le tsone ka matshwao.
-
“Dumelang, le kae?” a botsa.
-
O tlotla le tsone ka Puo ya Matshwao.
2
Fa ke ntse ke letile kwa ntle ga phaposibotlhapelo nako e telele, ke tshuba le go tima lebone la phaposibotlhapelo gantsintsi.
-
Ke bolelela Sello, “Hee, e setse e le sebaka sa me!”
3
Re feela setupu le go kumola mefero mo tshingwaneng.
-
“Bona, sebokonyana!” ke bua ka matshwao le Sello.
-
Re ithuta ka diboko kwa sekolong.
4
Moragonyana mo letsatsing, mmaarona o a re roma.
-
“Tsweetswee rekang maši le sukiri, ke tlaa baka kuku,” o bua ka matshwao.
5
Fa re fitlha mo tseleng, ke simolola go e kgabaganya.
-
Sello o tshwara letsogo la me.
-
O bua le nna ka matshwao, “Ema pele! Gakologelwa go tlhola pele!”
6
Kwa lebenkeleng, re a kgaogana.
-
Sello o bona sukiri, ke bona maši.
-
Sukiri e mo mabeelong a a kwa godimodimo thata mo go Sello.
7
O kopa thuso mo mogolong.
-
Mme fela mogolo ga a tlhaloganye Puo ya Matshwao.
-
Sello o kwala potso ya gagwe mo bukaneng e e mo go ene.
8
Kwa gae, re baka kuku le mmaarona.
-
Fa e fodile, re aesa kuku.
-
“Monate!” Sello o bua ka matshwao fa a utlwa tatso ya aising.
9
Re dira tee le go tshelela koko wa rona.
-
“Ke a leboga,” koko wa rona o bua ka matshwao.
-
“Go leboga nna,” ausi wa me o bua ka matshwao.
10
Morago ga teye, re tlosa dilo mo tafoleng.
-
“O tlhatswa dijana!” Sello o bua ka matshwao.
-
Bosigo joo, re tlamparelana pele re robala.
-
“A e nne boroko,” re buisana ka matshwao.
11
Puo ya Matshwao
-
Puo ya Matshwao ke puo ya konokono ya Bosusu.
-
Mme mongwe le mongwe a ka e ithuta.
-
Go bua ka matshwao go tshwana le puo epe e nngwe, ntle le gore ga e na medumo.
12
Your attribution should include the following:
Title: Sello o bua Puo ya Matshwao
Author/s: Tebogo Matshana
Illustrator/s: Tebogo Matshana
Assurer/s: Tebogo Matima, Dineo Moatshe
Language: Setswana

© Zenex Foundation - Saide 2024

CC BY includes the following elements:
 BY   – Credit must be given to the creator