Naka le Nala ba bua ka lefaufau
Refilwe Ramagoshi
Busisiwe Ndlovu
Nala le Naka ba kwa kampeng ya sekolo.
-
Ba tlhoma ditente tsa bona mme ba bogela letsatsi le le tukang fa le dikela.
-
“Le lentle," ga bua Nala ka boitumelo.
1
Ba lebile letsatsi le kotlomela kwa tlase kwa bokgakala ba bodikela.
-
“Ngwedi o feletse bosigong jo,” Naka a lemoga se fa ngwedi o rotoga kwa botlhaba.
2
Bana ba kaname go ithuta legodimo bosigo.
-
“Ija, go na le dinaledi tse dintsi, mme di benya jaaka ditaemane!” ga tsibosa Naka.
3
A re, “Ngwedi o benya ka gonne o tsabakela ka lesedi la letsatsi. Fa ngwedi o feletse, go lebega ekete ngwedi otlhe o tshubile.”
4
Nala o dumelana le ena, “Ngwedi o dikologa lefatshe. Ka dinako dingwe re kgona go bona fela karolo ya ngwedi e kganya, mme e lebega jaaka panana.”
5
O a tswelela, “Ngwedi o lebega jaaka kgwele ya dinao fa o feletse. Fa kgwedi e feta, re bona seripa sa ngwedi, le popego ya panana.”
6
Naka a bua ka boipelo, “Ke itsitse jalo! Ke itse gape gore ngwedi o dikologa lefatshe, mme mmogo di dikologa
-
letsatsi.”
7
Nala a nyeba, “A o ne o itse gore letsatsi ke naledi?”
-
A tlaleletsa, “Letsatsi ke naledi e kgolokgolo ya digase tse di tukang, di dira lesedi le le mogote.”
8
Naka a lemoga, “Kwa ntle ga dipone tsa toropo, re bona legodimo sentle. Lefaufau le simologa kwa godimo ga tlhatlhagano ya mowa go dikologa lefatshe, fela lefaufau le felela kwa kae?”
9
Nala a nyeba, “Re tla nna borralefaufau mme ra tsamaya ka sesutlhalefaufau se se lebelo. Re tla feta dipolanete le dinaledi tse di kgakalakgakala. Mme re tla itse kwa lefaufau le felelang.”
10

Dipotso


  1. Kgang e e ka ga bomang? Ba dira eng?
  2. Ngwedi o o feletseng ke eng? O thale.
  3. Ngwedi o rotoga kwa kae?
  4. Ke naledi efe e e gaufi le lefatshe?
  5. Go na le dipolanete tse 8. Batla maina a tsona.
  6. Thala setshwantsho sa letsatsi le dipolanete.
  7. Sesutlhalefaufau se dira jang?
  8. O nagana gore o tlhoka go ithutela eng go nna mosutlhalefaufau?
11
Your attribution should include the following:
Title: Naka le Nala ba bua ka lefaufau
Author/s: Refilwe Ramagoshi
Illustrator/s: Busisiwe Ndlovu
Assurer/s: Glanice Masilo, Dineo Moatshe
Language: Setswana

© Zenex Foundation - Saide 2025 (Updated Edition)

CC BY includes the following elements:
 BY   – Credit must be given to the creator