Mosimane yo o neng a sa ratiwe ke batho
Phumy Zikode
Wiehan de Jager

Bogologolotala go ne go le mosimane mongwe a le maswe thata ebile go sena motho yo a mo ratang. Le batsadi ba gagwe tota. Kwa lapeng, o ne a dula a le esi fa ba lelapa la gagwe ba ntse ba lebeletse thelebishene.

1

Kwa sekolong, o ne a dula a le esi fa bana ba bangwe ba tshamekela kwa ntle.

2

O ne a itsamaela a le esi kwa morago ga basimane ba bangwe fa ba ile go gapa dikgomo. Ba ne ba sa batle go bua le ene.

3

Ka letsatsi lengwe o ile a tlogela lelapa la gagwe mme a tsamaya. O ile a tsamaya go fitlhela a fitlha kwa sekgweng sa setso. O ne a tshimolola go boifa, mme a gomodiwa ke gore ga go ope yo o tla buang le ene. Ka gonne ga go na motho yo a mo ratang.

4

O ne a le gaufi le go tsena mo sekgweng fa a emisiwa ke mosadimogolo o o leswe ebile a le maswe. Mosadimogolo o ile a mo dumedisa mme a mmotsa gore o ya go dira eng mo sekgweng se se tshosang. Mosimane o ne maketse go utlwa motho a bua le ene. O ne a bolelela mosadimogolo gore ga gona kwa a yang. Ka gonne ga gona motho yo a mo ratang.

5

Mosadimogolo o ne a mo botsa gore a o tlhoka thuso. O ne a araba ka bonako a re, "Ee." Mosadimogolo o ne a re pele a ka mo thusa, o ne a batla gore mosimane a mo latswe sefatlhego go fitlhela a le phepa ebile a le montle.

6

Go ne go se se mosimane a ka se dirang gore a kgone go bona thuso e a e tlhokang. O ile a latswa dithoko mo matlhong a mosadimogolo, mamina mo dinkong tsa gagwe, boreku mo ditsebeng tsa gagwe. O ile a latswa sefatlhego sa gagwe go fitlhela se le phepa ebile a le montle.

7

Mosadimogolo o ile a mo leboga.O ile a re, "O ile go bona dilo tse dintsi tse dintle mo sekgweng se, fela o seke wa tsaya sepe. Boa fela le thito e o ka e bonang."

8

Mosimane o ile a taboga, a batla go bona dilo tse dintle tse di mo sekgweng. Pele ga a ka tsena, mosadimogolo o ile a mo bitsa. O ile a boela morago kwa go mosadimogolo mme ena a boeletsa a re, "O seke wa tsaya sepe sa dilo tse dintle tse di mo sekgweng. Boa fela le thito e o ka e bonang." Mosimane o ile a dumela mme a tabogela kwa sekgweng.

9

Pele ga a ka tsena ka sekgwa, a utlwa lentswe le re, "Mosimane! Boela kwano!" O ne a sa tlhaloganye gore mosadimogolo o batla eng. O ne a boela kwa go ene gape. O ile a re, "O tla bona dilo tse dintsi tse dintle mo sekgweng. Mme fela boa le thito e o tla e bonang." Mosimane o ile a dumela mme a tabogela kwa sekgweng.

10

Fela fa a fetsa go tsena ka sekgwa, a utlwa lentswe le re, "Mosimane! Boela kwano!" O ile a boela morago gape kwa go mosadimogolo. O ile a re, "Nkutlwelela. Boa fela ka thito e o tla e bonang. O seka wa tsaya sepe gape mo sekgweng." Mosimane o ne a tenegela poeletso e. O ile a tabogela mo sekgweng.

11

Fa a le mo gare ga sekgwa, a bona sejana se tletse madi. O ile a tsaya madi ao a a tsenya mo kgetsing ya gagwe. Ka bonako a gopola mafoko a mosadimogolo. O ile a ntsha madi mo kgetsing ya gagwe mme a a busetsa gape mo sejaneng.

12

A tswelela go tsamaya. O ile a bona diaparo tse dintle tse dintšhwa. O ile a apola diaparo tsa gagwe mme a apara tse dintšhwa. Mme fela a gopola mafoko a mosadimogolo. O ile a apola diaparo tse dintšhwa mme a apara tsa gagwe tsa kgale.

13

Morago a bona thito. E ne e nyepeleditswe ke letsatsi. A ipotsa gore mosadimogolo o ne a gopla gore o tla dira eng ka thito e. Mo thoko ga thito, go ne go nale sejana se tletse dijo. Dijo di ne di nkga monate mme mosimane o ne a tshwerwe ke tlala. O ne a sa kgone go itshwara mme a ja dijo tseo.

14

Erile fa a fetsa go ja, o ne a gopola se mosadimogolo a se mmoleletseng. Mosadimogolo o rile a tseye fela thito. O ile a lebelela gotlhe mme a se tlhole a bona thito eo.

15

Mosimane o ile a tswa mo sekgweng a nyemile mooko. O ile a boela morago go ya go bolelela mosadimogolo gore go diragetseng. Mme fela mosadimogolo o ne a sa tlhole a le gona.

16
You are free to download, copy, translate or adapt this story and use the illustrations as long as you attribute in the following way:
Mosimane yo o neng a sa ratiwe ke batho
Author - Phumy Zikode
Translation - Lorato Trok
Illustration - Wiehan de Jager
Language - Setswana
Level - First paragraphs