

Ka letsatsi lengwe. Tau e ne e batla go tswa mo sekgweng e eletsa go nna le tsala e eleng motho.
Ka jalo tau le Monna ya nna ditsala.
Baja mmogo ebile ba nathogana nama, Mme tau ya lemoga gore monna o rata nama. Ya simolla go boifa gore monna o tla e bolaya.
Tau ya boifa gore gongwe monna o tla e tlhaba ka lerumo la gagwe, Monna le ena o ne a boifa gore tau e tla mo ja a robetse mo mpeng ya bosigo.
Bosigo bongwe monna a lora tau e mo atumela ka bonya, e leka go mo ja.
Monna a tsa lerumo la gagwe, a gwelleditse: "Ge e le gore o batla go nja ke tla go tlhaba ka lerumo le la ka." Tau ya tsoga ya tshaba. Ya bua ere: "Ke rile ka letsatsi lelengwe monna yo o tla mpolaya."
Go tloga ka lona letsatsi leo, tau le monna ya se tlhole e na ditsala. Tau e tlo bolaya motho ge e kopana le ena. Mme le batho le bona ba tla bolaya ditau fa go kgonega.
Ke ka gotweng: Ge motho a batla botsalano le wena, o tshwanetse a go itsi le mekgwa ya gago. Gore le tle le itsi gore a le ka nna mmogo ka kagiso.

