

Bogologolo gone go nale batho bale babedi, Dima le Owl. Owl o ne a nale letsatsi, metsi le molelo. Dima o ne a sena sepe mme a nna mo lefifing le ba lelapa la gagwe.
Dima o ne a leka go dira tshimo, mme a tlholega gonne a sena letsatsi merogo ya gagwe ene esa gole. Batho botlhe bane ba tlhaka ka gonne gone go sena letsatsi. Fa bane ba tsoma diphologolo gore ba kgone goja, bane ba tswenetse kego di omisa mme dine di senyega gonne go sena letsatsi.
Ka leleng la malatsi, Dima a ya go etela Owl. Mme fa ba naya dijo o ne a makala gore goreng dile monate yana.O ne a ipotsa gore ke ka ntlha ya gore dijo tsa gagwe di golela mo letsatsing na le gore o di apaya mo molelong.A similola go bina, o ne a batla batho botlhe ko ntlong ya ga Owl ba mo lebe.O ne a itsi go bina.
Fa e simolola gonna lefifi, Owl a akanya go lata letsatsi la gagwe gore a tswele pele a lebe Dima a bina. Letsatsi la gagwe le ne lenna mo kgetsaneng ya diphologolo. O ne a tshola letsatsi mo legetleng mme go dimodimo. Janong gone go kganya. Batho botlhe bane ba kgona go bona gotswa kgakala, ba bonako batho botlhe ba simolo go bina fo go khanyang teng.
Dima a nyonyobele letsatsi, mme Owl ntse a le tshotse a feletsa a lapile a lebetse gonne ntse a itumeletse go bina thata, o ne a lebile ka mokgo Dima antseng a bina sentle ka teng mme a kgatlhegile a duma ekete a ka bina go tshwana le ena.
Ka potlako Dima a tsaya thupana ya gagwe ya go lwana a otla letsatsi ka matla mme fo moweng jaaka kgwele. Letsatsi la sianela kgakala mme la nna kwa marung la sa tlhola le bowa. La naya batho botlhe lesedi letsatsi lotlhe.
Dima o ne a sia ka bonako gore Owl a seke a mo fitlhela. O ne a nna kgakala nako e leele. Mme morago ga sebeka o ne a fetola tshobotsi ya gagwe a bowela kwa ntlong ya ga Owl. Bana bane ba mmona bare: "ke yole monna yo o utswitseng letsatsi!" Bagolo bane ba gana mme bare, "Nyaa, monna yo ga se ena a utswitseng letsatsi la rona."
Bane ba bona gore monna yo ke sebini sa bogologolo.a apere di baga tse dintsi mo mmeleng wa gagwe otlhe. E ne ele di baga tsa motlholo tseo dineng di dira batho gore ba bine. Ka gonke gwa tsaya nako pele batho botlhe ba simolola go bina. Ba bina letsatsi lotlhe, go fitlhela letsatsi le wela. Gonna lefifi ba sa kgone go bona monna wa metlholo.
Owl a re go moasadi wa gagwe, "tsamaya o ye go lata ngwedi mo kgetsaneng ya me." Owl a tshola ngwedi kwago dimodimo mo legetleng la gagwe mme wa kganyisa lefifi gore batho ba kgone go bina. Fa bane ba bina, Dima a atamela ganyane ganyane mo ngweding, gonne o ne a nale leano.
A tsaya thupana ya gagwe ya go lwana mme a otla ngwedi ka matla mo moweng mme wa fofela kwa marung. Gape a sia, mme Owl a palelwa kego mo tshola. Janong a nna lobaka lo lo leele a sa bowe, go fitlhela Owl le ba lelapa la gagwe ba lebala ka ena.
Dima one a fetola tshobotsi ya gagwe mme a bowela kwa ntlong ya ga Owl. Janong o ne a batla molelo wa ga Owl. Owl o ne a akeditse matlhokwana a go dira molelo mo molaleng wa gagwe. Dima o ne a dula le Owl ka fo tlase ga setlharemme banna ba baba bedi ba simolola go tshameka motshameko wa go otla diatla.
Bane ba otla-ba otla mme ba-otla makgetlo ale mantsi, matlhokwana a Owl a ne a simolola go fetoga gonna go ne go nale modumo le phefo fa bane ba otla diatla, mme Owl adi latlhela kwa morago ga mafatlha a gagwe.
Bane ba otla motshegare otlhe. Mmino le go otla diatla di dirile Owl a lebale ka ga matlhokwana a gagwe. Fa di sena go potonoga fo molaleng di bowa fo dikgareng tsa gagwe. Dima a di pham, ola mme a siana ka tsona. Owl leba lelapa la gagwe ba sianisa Dima, mme a dira leano le le tlhalifileng.O ne a nale kgetse a tletse mebitlwa mme a e latlhela mebitlwa eo fo fatshe mo morago ga gage.O ne a kgona go emisa Owl le ba lelapa la gagwe gore ba seka bamo sianisa.
Dima o ne a sa kgone go ema gore a kgone go dira molelo.O ne a forotlha-a forotlha matlhokwana.A futswetsa-a futswetsa go fitlhela mollo o tshwara mme a jang a tuka. Molelo o ne wa gola wa gola go fitlhela o tshola setlhare ka setlhare morago Dima are, "Go simolola janong batho botlhe batla kgona go dira molelo ka setlhare sengwe le sengwe mo lefatsheng."
Morago fa nako e sena go feta. Dima a feleletsa a boetse kwa ntlong ya ga Owl, ga ake a fitlhela ope, mme a bona mosimanyana a tshameka ka diphologolo tsa legong. Dima a botsa mosimane gore a ka fitlhela kae metsi mme mosimane a ya go mmontsha kwa ba bayang metsi teng. Dima a bona pitsa e kgolokgolo e tletse metsi mme a kgatlhega.
Dima o ne a iketsa ekete o a tsamaya mme a bowa ka bonokwane, a ya kwa go nwewang metsi teng. O ne a kgorometsa pitsa ao eneng e tletse metsi mme a e tshollela fo fatshe. Dima ka bonako a tlolela metsi ao a neng a ela ka kwale mme a nna kwa letlhokoreng le leng. Janong o ne a falotsa Owl le ba lelapa la gagwe mme ba ka se kgone go mo fitlhela.
Le ke lebaka la gore lefatshe lotlhe lenne le mawatle a a letseng metsi. Le ke lebaka la gore re bane le letsatsi, ngwedi le molelo, ke kantlha ya rra motlholo.
PALE Ka 2003, Katunga Carimbwe o buele tema ya gagwe ya pale ena mme Dima and Owl ba dira gopre pale ena e bane ya nnete mme e bane le botshelo. Mangumbu, Mahongo and Winberg ba fetotse pale ena mme ba e dira ka puo e bonolo eo bana baka e tlhaloganyng mme baka e ratang. Bagolo ba gagwe ba buele pakle ena go ena ko Mavinga, Angola, kwa a belegetsweng teng ka ngwaga wa 1958. Papadi ena yago" otla diatla" eo go bueng ka yona mo paleng ena esa tumile magareng ga!Xun, bo Nhare le ditso tse dingwe.o falotse mafoko ana "Go tloga janong batho batla dira molelo gotswa ditlhareng mo lefatsheng." Ditswantsho tse di bonagalang mo paelng di direlwe ke Marlene Winberg, mme dia fetolwa sentle ke Satsiri Winberg, a dirisa Manyeka Art Collection le paintings eo e dirileng ke San artists /Thaalu Rumao, /Tuoi Samcuia le Joao Wenne Dikuango, bao ba tlhokofetseng botlhe.

