Nozibele le meriri e meraro
Tessa Welch
Wiehan de Jager

Bogologolo tala basetsana ba bararo ba ne ba ya go rwalela dikgong.

1

Letsatsi le ne le fisa thata mme ba ya nokeng go ya go thuma. Ba ile ba tshameka monate, ba gasana ka metsi ba itumetse.

2

Fa ba tswa mo metsing, ba lemoga gore letsatsi le setse le phirimile. Ba itlhaganela go boela kwa motseng.

3

Fa ba le gaufi le gae Nozibele a itshwara molala. A lemoga gore o lebetse sebaga sa gagwe kwa nokeng. "A re boeleng morago ke a lo kopa" Nozibele a kopa ditsala tsa gagwe. Fela bona ba gana ba re ke bosigo.

4

Nozibele a boela morago a le esi.O ne a fitlhela sebaga sa gagwe mme a boela gae. Ka go ne go setse go fifetse, o ne a timelelwa ke tsela ya go ya gae.

5

Erile a sa le kgakajana, o ne a bona go tuka lebone mo ntlong nngwe. O ne a itlhaganelela kwa teng, mme a feta a kokota.

6

O ile a makala fa mojako wa ntlo o bulwa ke ntšwa. "O batla eng fa?" Ga botsa ntšwa. "Ke timetse, mme ke batla lefelo la go robala" "Tsena, eseng jalo ke tla go loma!" ga rialo ntšwa.

7

"Nkapeele dijo!" ga rialo ntšwa. "Fela ga ke isi ke apeele ntšwa dijo," ga araba Nozibele. "Apaya, eseng jalo ke tla go loma!" ga rialo ntšwa. Nozibele a apeela ntšwa dijo.

8

Mme ntšwa ya re, "mpaakanyetse bolao!" "Ga ke isi ke baakanyetse ntšwa bolao!" ga araba Nozibele. "Mpaakanyetse bolao eseng jalo ke tla go loma!" ga rialo ntšwa. Nozibele a baakanyetsa ntšwa bolao.

9

Nozibele o ne a tshwanetswe ke go apaya, go feela le go tlhatswetsa ntšwa ka gale. Ka letsatsi lengwe ntšwa ya re "Nozibele gompieno ke tshwanetse go etela ditsala tsa me. Pele ga ke boa o be o feetse ntlo, o apeile dijo ebile o tlhatswitse dilo tsa me."

10

Erile fa ntšwa e fetsa go tsamaya, Nozibele a ntsha meriri e meraro mo tlhogong ya gagwe. O ile a baya moriri wa ntlha ka fa tlase ga bolao. Wa bobedi ka mo morago ga setswalo. Mme wa boraro a o baya kwa lesakeng. Morago ga foo a sia ka lebelo le legolo a boela kwa gaabo.

11

Erile fa ntšwa e fitlha ya batlana le Nozibele. "Nozibele o ko kae?" ga goa ntšwa "Ke ka fa tlase ga bolao" ga araba moriri wa ntlha "Nozibele o fa kae?" ga goa ntšwa "Ke fano mo morago ga mojako" ga araba moriri wa bobedi "Nozibele o ko kae?" ntšwa ya goa gape "Ke ka fa lesakeng", ga araba moriri wa boraro.

12

Ntšwa ya lemoga gore Nozibele o e tsieditse. Ya tloga, ya tabogela kwa motsaneng go ya go batla Nozibele. Erile fa e fitlha kwa motseng ya fitlhela bomorwarraagwe Nozibele ba e letile ka dithupa tse dikgolo. E ne ya tshaba mme ya se ka ya tlhola e bonwa gape.

13
You are free to download, copy, translate or adapt this story and use the illustrations as long as you attribute in the following way:
Nozibele le meriri e meraro
Author - Tessa Welch
Translation - Lorato Trok
Illustration - Wiehan de Jager
Language - Setswana
Level - Longer paragraphs