Morwesi le Pule ba etela nkoko
Violet Otieno
Catherine Groenewald

Morwesi le Pule ba ne ba dula le rrabona kwa toropong e kgolo. Ba ne ka gale ba gakalalela malatsi a boikhutso. Eseng fela ka gonne dikolo di ne di tswetswe, mme ka gonne ba ne ya ya go etela nkoko wa bona. O ne a nna kwa motseng wa batshwari ba ditlhapi gaufi le letsha le legolo.

1

Pule le Morwesi ba ne ba itumetse ka gonne e ne e le nako ya go ya go etela nkoko wa bona gape. Bosigo pele ga leeto, ba ne ba paka dibeke tsa bona go ipaakanyetsa leeto le letelele letsatsi le le latelang. Ba ne ba sa kgone go robala ka ntlha ya boitumelo, mme ba lala ba tlotla bosigo botlhe.

2

Mo mosong wa letsatsi le le latelang, ba ne ba simolola leeto la bona ka koloi ya rrabona. Ba ne ba feta dithaba, ba feta diphologolo tsa naga le dipolase tsa tee. Ba ne ba bala dikoloi mme ba opela dipina.

3

Morago ga nako, bana ba ne ba lapile mme ba robala.

4

Rre o ne a ba tsosa fa ba goroga kwa motseng. Ba ne ba fitlhela nkoko Maletsatsi a ikhutsitse mo tlase ga setlhare. E ne e le mosadi yo o tiileng, yo montle.

5

Nkoko Maletsatsi o ne a ba amogela mo ntlong mme a bina ebile a opela ka boitumelo. Ditlogolo tsa gagwe di ne di itumeletse go mo fa dimpho tse ba neng ba mo tletse ka tsona go tswa toropong e kgolo. "Bula mpho ya me pele," ga rialo Pule. "Nnyaa, bula ya me pele," ga bua Morwesi.

6

Fa a fetsa go bula dimpho, nkoko Maletsatsi o ne a tshegofatsa ditlogolo tsa gagwe ka tsela ya setso.

7

Morwesi le Pule ba ne ba ya go tshamekela kwa ntle. Ba ne ba lelekisa dirurubele le dinonyane.

8

Ba ne ba palama ditlhare mme ba thuma ka boitumelo mo metsing a letsha.

9

Ba ne ba boela gae ka nako ya dijo tsa bosigo. Erile ba ise ba fetse go ja ke fa ba tshwerwe ke boroko!

10

Ka letsatsi le le latelang, rrabona o ne a boela morago kwa toropong ekgolo mme a tlogela bana le nkoko Maletsatsi.

11

Pule le Morwesi ba ne ba thusa nkoko wa bona mo lapeng. Ba ne ba thusa ka go ya go ga metsi le go ya kgonnyeng. Ba ne ba ya go tsaya mae kwa hokong ya dikoko le go ya go kotula merogo kwa tshimong.

12

Nkoko Maletsatsi o ne a ruta ditlogolo tsa gagwe go apaya ting go e šabela ka tlhapi. O ne a ba bontsha gore mabele a Setswana a diriwa jang.

13

Mo mosong wa letsatsi lengwe, Pule o ne a isa dikgomo tsa ga nkoko Maletsatsi mafulong. Dikgomo di ne tsa fetela kwa polaseng ya moagisani. Rapolase o ne a sa itumela. O ne a tshosetsa ka gore o tla gapa dikgomo tseo ka gonne di mo jetse masimo. Morago ga letsatsi leo, mosimane o ne a netefatsa gore dikgomo ga di tsene mo mathateng gape.

14

Ka lengwe la malatsi, bana ba ne ba ya marekelong le nkoko Maletsatsi. O ne a nale tafole ya go rekisetsa mme a rekisa merogo, sukiri le sesepa. Morwesi o ne a rata go bolelela bareki gore dilwana di ja bokae. Pule ene o ne a phuthela dilwana tse bareki ba di rekileng.

15

Kwa bokhutlong jwa letsatsi ba ne ba dula ba nwa tee mmogo. Ba ne ba thusa nkoko go bala madi a a dirileng ka letsatsi.

16

Mme ka ponyo ya leitlho malatsi a boikhutso a bo a fedile, mme bana ba be ba tshwanetse go boela gae kwa toropong ekgolo. Nkoko Maletsatsi o ne a fa Pule kepisi mme a fa Morwesi sekipa. O ne a ba direla mofago wa tsela.

17

Fa rrabona a tla go ba tsaya, ba ne ba sa batle go tsamaya. Bana ba ne ba kopa nkoko Maletsatsi go tsamaya le bona kwa toropong e kgolo. O ne a nyeba mme a re, "Ke tsofetse thata gore nka nna kwa toropong ekgolo. Ke tla dula ke lo emetse gore lo tle go nketela gape."

18

Pule le Morwesi ba ne ba mo atlarela thata mme ba laela.

19

Fa Pule le Morwesi ba boela sekolong, ba ne ba bolelela ditsala tsa bona ka botshelo jwa kwa motse-magaeng. Bana ba bangwe ba ne ba re botshelo jwa toropo ekgolo bo monate. Ba bangwe ba ne ba re botshelo jwa motse-magae ke bone bo leng botoka. Mme go feta tshotlhe, botlhe ba ne ba dumelana gore Pule le Morwesi ba nnile le nako e e itumedisang le nkoko wa bona!

20
You are free to download, copy, translate or adapt this story and use the illustrations as long as you attribute in the following way:
Morwesi le Pule ba etela nkoko
Author - Violet Otieno
Translation - Lorato Trok
Illustration - Catherine Groenewald
Language - Setswana
Level - Longer paragraphs