Molemo o bua le dijalo
Ursula Nafula
Jesse Pietersen

O ke Molemo. O dingwaga di le supa. O molemo go tshwana le leina la gagwe.

1

Molemo fa a tsoga o bua le setlhare sa dinamune. "Ka kopo setlhare sa dinamune, gola o gogobe mme o re fe dinamune tse di monate."

2

Molemo o ya sekolong. Mo tseleng o bua le bojang. "Ka kopo bojang, nna talana mme o se omelele."

3

Molemo o feta ditšheshe tsa naga. "Ka kopo ditšheshe, tswelela go ntlafala gore ke kgabise moriri wa me ka wena."

4

Kwa sekolong, Molemo o bua le setlhare se se mo gare ga tshimo ya sekolo. "Ka kopo setlhare, mela dikala tse dikgolo gore re kgone go balela mo tlase ga moriti wa gago."

5

Molemo o bua le ditlhare tse di pota-potileng legora la sekolo. "Ka kopo gola o tie, o thibele disenyi go tsena mo."

6

Fa Molemo a fitlha kwa gae o ile a tswelela go bua le setlhare sa dinamune. "A dinamune tsa gago ga ise di butswe?"

7

Molemo o ne a bua ka go swaba a re, "Dinamune ga ise di butswe. Ke tla go bona kamoso setlhare sa dinamune." "Ka gongwe o tla be o ntiretse namune e e butswileng!"

8
You are free to download, copy, translate or adapt this story and use the illustrations as long as you attribute in the following way:
Molemo o bua le dijalo
Author - Ursula Nafula
Translation - Lorato Trok
Illustration - Jesse Pietersen
Language - Setswana
Level - First paragraphs